Ramogapi o rotloetsa banni go akola Bonno Housing Scheme
14 Apr 2025
Banni ba Topisi le Moreomabele ba rotloeditswe go dirisa lenaneo le lesha la Bonno Housing Scheme.
Ba rotloeditswe jalo ke Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng. Rre Ramogapi a re puso e itlamile go aga matlo a le 100 000 mo dingwageng tse tlhano e le maikaelelo a go hema letlhoko la boroko jwa bodiredi le bonno jwa Batswana.
A re puso e fokoditse metsi ka 30 per cent gammogo le go fokoletsa Batswana madi a dikoloto tsa metsi ka sephatlo. Rre Ramogapi a re phokotso ya dikoloto tsa metsi e simolotse Moranang a rogwa mme e wela Seetebosigo a fela. O ba rotloeditse go dirisa sebaka se go duela metsi gore ba akole phokotso e gammogo le go rulaganya le lekalana la metsi gore baka duela sekoloto bonolo jang.
Rre Ramogapi a re ba dira jaana go tokafatsa matshelo a Batswana, a tlhalosa gore ba okeditse madi a itshetso a bana ba ithutelo tiro ya diatla go nna P1 900 go tswa kwa go P300, a bolela ka P300 wa batsetsi gammogo le go abela basetsana ba sekole mesangwana le go oketsa madi a bagodi go nna P1 400 go tswa kwa go P830.
O kopile Batswana gore ba seka ba fela pelo ka tse ba di ba solofeditseng ka ba na le dikgwedinyana fela ba busa mme e bile ba fitlhetse go sena madi. A re ba buseleditse lekgotla la dipuisanyo tsa dituelo tsa babereki la Barging Council, a tlhalosa gore le tsweletse ka dipuisanyo. O tlhalositse gape gore lenaneo la dituelo tsa badirelapuso la Fan Shape le tlaa diragadiwa.
Fa a itebaganya le seemo se se maswe sa dikole, o ne a tlhalosa fa puso e na le thulaganyo ya go baakanya dikole tsotlhe. Fa a tsibogela kgang ya phane, a re o tlaa bua le lephata le le lebaneng ka gore batho ba ba bapalang phane ga ba sale morago tse di tlhokwang. Rre Ramogapi a re teseletso ya go bapala phane e batla gore ba bo ba na le matlwana a boitiketso mme ga ba na nao. O ne gape a akgolela dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Topisi le Moreomabele go dira ditlhabololo tse di bonalang.
Kgosi Ezekiel Bontsi wa Topisi o ne a leboga mopalamente go bo a ba lekotse le mananeo a a tlang ka one. Kgosi Bontsi o ne a lekodisa mopalamente gore ga ba jesiwe diwelang ke kgotlelesego ya tikologo e e dirwang ke babapadi ba phane.Kgosi Bontsi a re go nnile le tshologelo ya batho ba bantsi ba tsile go bapala phane mo kgaolong ya bone.
Mokhanselara wa Topisi/Moreomabele, Rre Israel Tsiapane o supile fa kgaolo ya gagwe e tlhoka ntlwana ya pelegelo, a lela gape ka letlhoko la metsi le motlakase kwa ditsheng tse disha. Rre Tsiapane a re go dirwe melawana e mesha e e ka sireletsang phane le mafelo a e bonwang kwa go one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Topisi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Apr 2025