Khansele e amogela semmuso ditirelo tsa dikokelo
06 Apr 2025
Lephata la Botsogo le roletse ditirelo tsa botsogo go ya kwa dikhanseleng kgwedi ya Moranang e le mararo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Dibui ka go farologana kwa go roleng ditirelo tseo ba ne ba rotloetsa tshwaragano le tirisanyo mmogo magareng ga bodiredi jo bo gorogang le jo bo ntseng bo le teng jwa khansele, ba tlhalosa fa seo se ka ba kgontsha go isa ditirelo kwa bathong jaaka go solofetswe. Ba boletse fa setshaba se na le tsholofelo e kgolo ya gore khudugo ya ditirelo tsa dikokelo go ya dikhanseleng go tlaa ba thusa go bona ditirelo tse di botoka.
Mo mafokong a gagwe, Modulasetilo wa Khansele ya Bokone Botlhaba yo gape e leng mokhanselara wa Mosojane/Mulambakwena/Pole, Rre Mbaakanyi Smart o supile fa a na le tsholofelo ya gore dikgwetlho dingwe tse di leng teng mo dikokelong di tlaa rarabololwa mo tsamaong ya nako. Le fa go ntse jalo, o ne a ba gwetlha go seke ba letlelela dikgwetlho tseo go ba ema pele go tsweledisa tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi ya go isa ditlamelo kwa bathong.
Rre Smart a re ka go lebega bodiredi jwa dikokelo bo itumeletse phetogo eo, ba seka ba itebelela fela gore ditsamaiso tsa bone tsa pereko di ya go tokafala mme ba bo ba lebala tiro e kgolo ya go isa ditirelo tsa botsogo kwa bathong.
Mokwaledi wa Khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Lebuile Israel a re ka kgang kgolo ya khansele e le go isa ditlamelo, o bona go goroga ga bodiredi jwa ditirelo tsa dikokelo go tlaa oketsa le go nonotsha khansele go isa ditlamelo kwa bathong. O tlhalositse fa ba solofetse badiri ba ka tshwara makgolo a mararo le masome a mane le botlhano (345) go tswa kwa dikokelong tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba ka kakaretso, a re seo se, oketsa palo ya badiri ba ba leng teng mo khanseleng eo, ba ba makgolo a marataro le masome a mane (640).
Rre Israel o ne a tshepisa fa ba tlaa thulanya ditlhogo le ba-na-le seabe go bona gore sepe se se tlhokang go baakangwa le diphatlha tse di ka tswang di le teng mo ditirelong tseo di ka baakangwa le gore di ka thijwa jang.
Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditirelo tsa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Kelebeletse Mokobela a re go tla ga bone kwa khanseleng ga go a tshwanela go kgopakgopetsa ope, mme tsholofelo ke gore ba goge ba le seoposengwe.
Mme Mokobela o ne a supa boitumelo jwa go bo thulaganyo ya ditirelo tsa botsogo e le ya maemo a a kwa godimo, a re seo se supagetse ka nako ya tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19, ka ba ne ba kgona go boloka matshelo a batho ba le ba ntsi. Ka moo o ne a tshepisa gore ba ya go tswelela jalo ka mowa oo, le ba le kwa khanseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Bokopano
Date : 06 Apr 2025