Breaking News

Balemi-barui ba kgala go remiwa ga ditlhare

30 Mar 2025

Balemi-barui ba meraka ya Chikale go bapa le Tshimoyapula mo kgaolong ya Serowe Bokone, ga ba itumedisiwe ke batho bangwe ba ba remang ditlhare mo merakeng ya bone go dira dikgong ba rekisetsa babapadi ba phane ko mafelong ao. 

Mo potsolotsong le mongwe wa barui ba moraka wa Chikale, Rre Benjamin Phole, o tlhalositse fa rre mongwe yo tswang kgakala a dira jalo go tswa Phikwe wa leina la Obed Samuel, yo ba gogang ko pele a dira go swela ka go kgaola ditlhare tsa maphane bosetlhogo a dira dikgong tse a di rekisetsang bokete ja batho ba ba ketefaletseng ko mafelong a phane. 

Rre Phole a re batho bao ba kgaotse gape lephane go dira ditsela fa gare ga meraka ya bone, fa tse dingwe ditlhare ba di tshubeletsa ka molelo gore di we ba dire dikgong. 

A bolela fa go na le bangwe gape ba di kgemetha ba dira mapako aa agelelang masimo le metse le ditlhomeso tsa marulelo ka bokete ko ntle le teseletso. 

O boletse fa ba kile ba begela ba lephata tsa tshomarelo ditsatlholego le dikgwa ka dikgang tse di ntseng jalo mo kgaolong ya bone mme go se nko e tswang lemina go ritibatsa seemo. 

A re seemo sa mohuta oo ntseng jalo go ba gogela ko thaelong ka barui ba lefelo leo ba tla itseela molao ka diatla tsa bone. 

A bolela gore batho bao ke batho ba ba sa nneng mo merakeng eo ebile ba tswa kgakala fela thata, basa ba rerise ga ba tsena mo thoteng ya bone. 

Rre mongwe wa meraka ya a Ngwanawatshwenya, Tonyoto Phokwane, o tlhaositse fa moraka wa bone go setse kgothego ya lefathse fela ka gore batho ba remile ditlhare ka bontsi go dira dikgong le mapako a agelelang masimo basa rekegele gore naga e tla gotlhega. 

O boletse fa babapadi ba phane le bone ba na le seabe sa go remaka ditlhare ba gotsa melelo mo sekgweng le go bula ditsela ko ba thibeletseng teng. 

Go ya ka mogolwane wa lephata le tshomarelo ditsatlholego le dikgwa, mme Gofetangmang Phunyuka, o tlhalosediste ba lekalana la dikgang la BOPA fa go rwalela dikgong o sa fiwa teseletso go sa letlelelwe ka gore le tsone dikgong ke ditsa tlholego tse di somarelwang fela jaaka phane. 

A re batho bao ba tshwanetse go kopa diteseletso go rema dikgong ebile maphane ga remiwe a le metsi. 

A tlholosa fa balemi-barui ba na le go diega go bega ko go bone fa ba bona dilo di sa tsamaye sentle mo kgaolong ya bone. 

A re go na le letsholo la bodiredi ja lephata la gagwe lele tlhokometseng seemo ko go bapalwang phane teng ebile ba aba le diteseletso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Tshimoyapula

Event : Potsolotso

Date : 30 Mar 2025