Breaking News

Ipabalelo tseleng e lwantsha dikotsi

16 Mar 2025

Mothusa mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Tuelo Komanyane o boletse fa dikotsi tsa tsela di ama banana thata, segolo bogolo borre.
Superintendent Komanyane o buile se kwa bokopanong jwa komiti ya ipabalelo tseleng bosheng.
Supt Komanyane o kaile fa dikotsi tse di diragetseng mo kgaolong ya Mahalapye e e akaretsang Masama, Radisele, Shoshong, Martin’s Drift, Sefhare, Machaneng le e mengwe e e welang ka fa tlase ga kgaolo ya Tswapong e  amilwe ke dikotsi tse di ba tshwentseng fela thata.
A re ba gatisitse dikotsi di le makgolo marataro le masome a roba bobedi le bongwe (681) ngogola, tse mo go tsone ba gatisitse di le masome mabedi le bobedi (22) tse di bakileng dintsho mme mo go tsone go tlhokafetse batho ba le masome mabedi le bosupa (27).
A tswelela ka gore go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha kgwedi eno go setse go tlhokafetse motho a le mongwe.
Supt Komanyane o supile fa bontsi jwa dikotsi tse ba di gatisitsweng thata ngongola e le tsa kgaolo ya Tswapong tse di neng di diragala thata ka malatsi a boitapoloso a go a bong go ilwe magaeng mme e bile e le dinako tsa metshameko ya kgwele ya dinao ya itloso bodutu.
A re ka go a bo go le mmudubudu, melao ya tsela e sa obamelwe mme gape dipalamo di pega palo e e fetileng segolo bogolo diteraka tse di pegang batshameki ba kgwele ya dinao le babogedi.
O tsweletse ka gore dikotsi dingwe di bakilwe ke go gobea ga leruo mo ditseleng, lobelo lo lo feteletseng le go tlhoka diteseletso tsa go kgweetsa.
 A re le ntswa ba leka ka bojotlhe e le ba sepodisi go dira dikganedi tsa tsela kgapetsakgapetsa, e le tsela nngwe ya go gakolola le go sireletsa matshelo a setshaba mo kgaolong eo, bakgweetsi bangwe bone ba ikgatholosa molao wa tsela mme ba felele ba baka dintsho.
Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng wa kgaolo ya Mahalapye Mme Malebogo Ramatu, o kgothaditse maloko a komiti go ema ka dinao go tshwaragana ba nna seopo sengwe ka seo se ka thusa mo katlegong le go isa komiti eo pele.
Mme Ramatu, yo gape e leng mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, a re maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go buisanya ka tse ba ikaelelang go di dira mabapi le gone go tokafatsa le go baakanya tse ba sa di kgonang ngwaga o o fetileng.
Mme Ramatu o supile fa puso e tlhamile dikomiti tsa ipabalelo tseleng morago ga gore puso e tshwenngwe ke dipalo tse dintsi tsa dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho.
Mme Kagiso Koko yo e leng mokwaledi mo komiting eo, o tlhaloseditse ba-tsaya karolo mo bokopanong joo fa ba tshwanetse go nna malala a laotswe go tsibogela diemo mmogo jaaka komiti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Mahalapye

Event : Bokopano

Date : 16 Mar 2025