Mopalamente o gakolola babereki go itlhatlhoba
12 Mar 2025
Babereki ba dipolasi tsa Tuli Block ba gakolotswe go itlhatlhobela malwetse, segolo bogolo a a sa tshelanweng mme a le borai gammogo le mogare wa HIV/AIDS.
Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa Dr Kesitegile Gobotswang kwa letsatsing la botsogo le le tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Sherwood bosheng.
Dr Gobotswang a re lefatshe leno le aperwe ke malwetse a a sa tshelanweng e bile a le borai mme fa a sa tsibogelwe ka nako, a ka baka leso.
O gakolotse borre ba bagolwane go itlhatlhobela kankere ya letha la borre, a tlhalosa gore fa e tshwarwa morago ga nako, go diphatsa.
Mopalamente Gobotswang o ne a supa fa kgang ya kgokgontsho ya bong le yone e le nngwe ya tse di tshwenyang mo lefatsheng leno e bile e tsweletse ka go kekela.
Dr Gobotswang a re dikgang tse tsotlhe, di ka kgonega kana tsa tokafala fa botlhe ba ka tsaya kgato, mme a re botsogo bo botlhokwa, ka jalo a rotloetsa borre go tsaya ditlamelo tsa botsogo ka nako.
O ne a re dipalo tsa ba botsogo di supa fa borre ba le maoto a tshupa mo go tseeng ditlamelo tsa botsogo.
A re botsogo ga se go utlwa ditlhabi tsa mmele fela mme go na le jwa maikutlo kana tlhaloganyo, ka jalo le jone bo tlhokwa go tsibogelwa.
Dr Gobotswang o akgoletse ba botsogo ba kgaolo ya Palapye tiro e ntle e ba e dirang ya go isa ditlamelo tsa botsogo kwa bathong.
A re ditlamelo ga di a tshwanela go etela batho mme di tshwanetse tsa nna gaufi le bone, mme a re kgaolo ya dipolasi e godile e bile le dipalo di a supa gore e tlhoka ditlamelo.
Mogokaganyi wa tsa botsogo wa kgaolo ya Palapye, Rre Thuso Ernest, o ne a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go atametsa badiri ba dipolase ditlamelo. A re maikaelelo magolo a lenaneo la go kgobokanya batshameki ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa dipolasi ke go ba rotloetsa go itlhatlhobela malwetse.
Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng ene o rotloeditse babereki ba dipolasi go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo.
O gakolotse borre go dirisa letsatsi leo go tsaya ditirelo tsa botsogo tse ba leng kgakala le tsone mme gape a ba kopa go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo, ba lese go itlhatlhoba ka bomme. ENDS
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Sherwood
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 12 Mar 2025