Breaking News

Lefelo la itoso bodutu le butswe semmuso

02 Mar 2025

Mopalamente wa Francistown Botlhaba, o butse semmuso dikago tsa metshameko le itloso bodutu la Selepa Recreational Park kwa Francistown ka Labotlhano.

Fa a bua kwa tirong eo, Rre Tiroeaone Ntsima o lebogile maiteko a mantle a a dirilweng ke komiti ya ditlhabolo ya kgaolwana ya Selepa gammogo le mopalamente wa pele, Rre Biggie Butale le mokhansalara wa nako eo, a re ke bone ba simolotseng tiro e.

A re se, se supa kgatelo pele le go bereka ka manontlhontlho ga komiti ya ditlhabololo. O kopile batsamaisi ba lefelo go letlelela setshaba go dirisa lefelo mme ba duela madi a a seng kalo, gore ba seka ba palelwa ke dituelo fa ba batla go le dirisa.

Rre Ntsima yo gape e leng tona wa Lephata la Papadi le Tlhabololo Kgwebo, o tlhalositse fa dikago tsa lefelo leo, di lopile madi a ka tshwara P400 000. A re le fa go turile, go a bonala gore madi a dirisitswe mo go eng.

O kopile gore ba dikgwebo tse di potlana ba fiwe bonno go rekisetsa teng mme ba duela, go itsa gore ba ipeye ka kwa ntle ga lefelo mo go ka le leswafatsang. Rre Ntsima a re le tlhokomelwe gore le nne phepa ka dinako tsotlhe, gore le kgatlhe, le ngoke batho.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Selepa, Rre Mpho Leladi le ene o akgotse tiro e ntle e e dirilweng ke komiti. Rre Leladi a re lefelo ke le banni ba Selepa sa bolong go le eletsa mme a ba rotloetsa go le dirisa ka thulaganyo ya ofisi ya ba komiti ya ditlhabololo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Selepa Ward, Mme Lenny Daniel, a re o motlotlo go bona lefelo le wetse ebile le rolwa semmuso. A re tsela e ba e tsamaileng e ne e se bonolo mme ba lepalepana le dikgwetlho, go bona gore tiro e wela sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Francistown

Event : Pulo semmuso

Date : 02 Mar 2025