Breaking News

Letsholo la go batla rre yo nwetseng le tsweletse

12 Feb 2025

Letsholo la go batla rre wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe (41) yo o nwetseng kwa nokeng ya Okavango le tsweletse.

Rre yoo, le ba bangwe ba le babedi, ba ne ba nwela mo nokeng bosheng morago ga gore ba tlhaselwe ke kwena ba leka go tlola ka mokoro.

Motshwarelela mookamela mapodisi a Shakawe, Superintendent Babinang Banohi, o tlhomamisitse seo a supa fa letsholo le tsweletse sentle le fa ba nnile le kgwetlho ya go nwela ga mokoro o ba o dirisang.

O tsweletse a re ba kopile thuso kwa makalaneng a sesole le ba sepodisi (SSG) kwa ntle ga kgaolo go thusa go ntsha mokoro oo. A re letsholo leo le simologile ka Labotlhano morago ga go amogela pego ka mongwe yo o boneng tiragalo eo.

“Go simolola ka Labotlhano go fitlha gompieno, ga go nko e tswang lemina, mme hela maiteko a tsweletse go batla rre yo o nwetseng,” ramapodisi o tlhalositse jalo.

Superintendent Banohi o tsweletse a re pego e supile fa borre bao ba ne ba le bararo mo mokorong mme ba le mo letsomong la dikgomo fa ka bomadimabe ba ne ba tlhaselwa ke kwena.

A re mokgweetsi wa mokoro o ne a retelelwa ke go o laola ka jaana kwena eo e ne e tshwere yo mongwe ka lebogo la moja mme mokoro wa bone wa menogela mo metsing ka bone.

O tlhalositse fa rre yo o neng a tshwerwe ke kwena a ne a kgona go iphalotsa ka go thuma mme a tswela kwa ntle ga noka kwa a fitlhetseng yo mongwe a ba emetse fa wa boraro ene a ne a retelelwa ke go tswa mo nokeng.

Superintendent Banohi o tlhalositse fa rre yo o lomilweng ke kwena a bonye dikgobalo tse di masisi mo letsogong, mme mo nakong ya gompieno a tsweletse ka go bona thuso ya ba bongaka kwa kokelong ya JP Kavindama kwa Shakawe.

A re mongwe ka bone o ba thusa ka ditlhotlhomiso le go ba kaela fa ba neng ba menoga teng ka mokoro.

O ikuetse mo banning ba Shakawe le metse e e mabapi go ikgapha mo go tseneng mo nokeng ka nako e ya dipula ka noka e a bo e na le metsi a mantsi. O supile gore fa noka e tletse metsi, diphologolo tse di nnang mo teng di a oketsega mme seo se beye matshelo a banni mo diphatseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkamogetse Bayeyi

Location : Gumare

Event : Potsoloso

Date : 12 Feb 2025