Breaking News

Ba kopiwa go lwantsha malwetse

10 Feb 2025

Mogolwane kwa lekalaneng la National AIDS & Health Promotion Agency (NAHPA), Rre Nonofo Leteane o gwetlhile setshaba go nna le seabe mo twantshong ya malwetse a tshwana le kankere.

Fa a bua ka letsatsi la segopotso sa kankere kwa Takatokwane bosheng, Rre Leteane o rotloeditse setshaba go lwantsha kankere go na le go ikaega fela ka puso. O rotloeditse setshaba go dira ditlhophana tsa twantsho malwetse, a supa ga NAHPA yone e tlaa rutuntsha ditlhopha tseo ka dikitso tse di maleba.

“Lo le ba Takatokwane, lo ka dira setlhophana se se itebagantseng le go lwantsha kankere, mme re tlaa lo thusa ka madi,” Rre Leteane a rotloetsa a bo a kgothatsa makgotla a sedumedi, dingaka tsa setso, le dikhamphani tse di ikemetseng go nna le seabe mo twantshong ya malwetse.

O kopile botlhe go thusa gore kankere e seka ya imela ba botsogo ba le nosi. A re lakalana la NAHPA le ikemeseditse go thusa makalana a botsogo go atumela batho, mme a re se, se tlhoka madi. Rre Leteane o supile fa toro ya Botswana e le gore ka 2030, batho botlhe ba bo ba itekanetse ka jalo, a gwetlha setshaba go tsibogela go ya kwa kokelong go itlhatlhoba gore fa ba na le bolwetse, ba kgone go thusiwa nako e sale teng.

Go tsibogela bolwetse jwa kankere nako e sa le teng a re go ka thusa ebile molwetse wa kankere o kgona go felela a alafilwe. A re fa go ka se ka ga dirwa sepe go lwantsha malwetse a sa tshelwaneng, e tlaa re ka 2030, bokete jwa malwetse ao, bo bo bo oketsegile thata. Tebang le bolwetse jwa AIDS, a re lefatshe leno le atlegile thata mo go bo lwantsheng.

A re go tlaa bo go le madimabe gore morago ga katlego e e kanakana ,“ re bo re itebala re bo re boele kwa morago, re tshwanetse ra gatela pele, ebile re ikaelela gore ka ngwaga wa 2030 bolwetse jwa AIDS e bo e sa tlhole e le letshwenyego.”

A re gore selo se se kgonege, setshaba se tshwantse go tsaya karolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Takatokwane

Event : Segopotso

Date : 10 Feb 2025