Lephata le tlaa ipeela seelo
23 Jan 2025
Go nna le bonno ke selo se puso e se tsayang ka tlhwaafalo, ka jalo e tlaa ipeela seelo sa go aba palo e e rileng ya ditsha lefatshe ka bophara gore Batswana ba kgone go nna le bonno.
Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Moreomabele ka Mosupologo.
Fa a gatelela maikaelelo ao a puso, Rre Ramogapi o ne a kopa morafe go emisa mokgwa wa go rekisa ditsha, a re seo ga se mokgwa o o siameng fa go lebilwe ka fa go nna le lefatshe go leng botlhokwa ka teng.
Mo kgannyeng e sele, mopalamente o supile fa go tlaa agwa matlo a badirelapuso kwa motseng oo go araba selelo sa tlhaelo ya boroko jwa badiredi ba puso.
Fa a ama tsa metsi, Rre Ramogapi o gakolotse banni go tlhomamisa ka dinako tsotlhe gore dipompo tsa bone ga di dutle go itsa go senyega ga one. A re nako e ntsi ditlhwatlhwa tsa go duelela metsi di godisiwa ke go dutla ga one.
Le fa go le jalo, o ne a ba rotloetsa go duela metsi ka nako, a tlhalosa fa motse wa Moreomabele o kolota madi a mantsi a metsi, a tlatsa ka gore dikoloto tsa metsi mo motseng ke P399 647.
Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng, Rre Ramogapi o tlhaloseditse banni fa ba fetisitse melao e le merataro mme mo godimo ga moo a bolela fa kgang-kgolo e Tautona Advocate Duma Boko a neng a e goga kwa tlhogong e le go tsosolosa itsholelo le go baakanya melao.
Mongwe wa banni, Mme Kebitseng Kerobale o supile letshwenyego la tiego ya temo ya ditsela, a kopa gore balemi ba ba batlang go lema ba gasa ba letlelelwe go dira jalo. Mme Kerobale a re ka fa beng ba diterekere ba ba thusang ka teng go ba siisa bokgola le nako ya temo.
Mogolwane wa Water Utilities Corporation Rre Gaselemogwe Senai o ne a tsibogela letshwenyego la banni la moalo wa metsi ka gore legato la ntlha e ne e le go tsisa metsi pele, fa mo go le le latelang ba tlaa dira moalo go tokafatsa le diphaephe tsa metsi ga mmogo le gone go gokelela metsi mo malwapeng.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye Rre Dean Serumola o ne a bolela fa peo ditsha e diiwa ke tlhaelo ya lefatshe. Rre Serumola a re ba mo thulaganyong ya go dira moalo wa ditsha di le 1 500 tsa Moreomabele mme a supa fa seo se tsaya nako.
Fa a tsibogela dikgang tsa banni Rre Ramogapi o ba gakolotse gore ba tsenye kgang ya bone ya kokelano mo lenaneo la ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Moreomabele
Event : phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2025