Puso e tokafatsa seemo sa metsi kwa Lobu
19 Jan 2025
Polasi ya Lobu e e simolodisitsweng ka 1978 ka maikalelo a go thusa barui ba Kgalagadi le Batswana ka kakaretso go tlhabolola loruo go nna lwa boleng jo bo kwa godimo le go lo atisa e tswa kgakala e tlhaelelwa ke metsi a go nosa loruo le go dira ditirelo tse dingwe mo go yone.
E ne yare ngogola ka kgwedi ya Phukwi, ba lephata la metsi le kgopo metsi aa leswe ba tshwaraganye le ba lephata la temo thuo ba tsibogela seemo seo ka go thapa khamphani ya Geomin Techologies Impala Drilling JV go rarabolola seemo.
Mo diphuthegong tsa kgotla kwa motseng wa Kolonkwaneng, Bogogobo, Khuis, Middlepits le Gakhibana ee gaufi le polasi eo mogolwane go tswa mo lephateng la metsi, Rre Tefo Lobelo o tlhalositse fa maikalelo e le go tla go rerisana le morafe go oketsa bokete le selekanyo sa metsi go thusa go nosa loruo le go dira ditirelo tse dingwe mo polasing eo.
Rre Lobelo o supile fa maikaeleo a diphuthego tseo e le go tla go rola semmuso khamphani mo morafeng, e e leng yone e tlaa dirang tiro eo ya go phunya metsi ka go dirilwe maiteko gantsi ke puso mme ba itaya sefololetse ka mabaka a metsi a a letswai kwa Lobu.
O supile fa ditumalano le khamphani ya Geomin Techhologies Impala Drilling JV, e le go epa didiba tse tharo, go phunya metsi mo tikologong ya polasi mme ba setse ba simolotse tiro ngogola, e ae tla welang mo lobakeng lwa ngwaga.
Rre Lobelo o boletse fa mo karolong ya ntlha, puso e rebotse madi aa fetang P11 million go dirisiwa mo tirong e e akaretsang tshekatsheko, go dupa, go epa, tlhatlhobo ya boleng jwa metsi, bokete le selekanyo sa o ne mme tiro nngwe le nngwe ka go latelana, khamphani e tlaabo e begela mohiri ka fa ba tsweletseng ka teng.
O tlhalositse fa mo karolong ya bobedi ya tiro, e tlaabo e le go gogela metsi mo polasing, go aga ditanka le tse dingwe le gore gape fa metsi go ka fitlhwelwa a le letswai, ba tswe ka tharabololo ya go dira lefelo la go a tlhatswa mme tiro e, e tlaa ikopelwa gape le go abelwa khamphani e sele e e tlaa atlegang.
Mong wa khamphani ya Geomin Techologies Impala Drilling JV, Rre Goboletswe Mangadi o tlhalositse fa ba setse ba potietse mafelo a le boferabobedi mo tikologong ya polasi ya Lobu, go dupa mo go o ne mme fa ba atlega, maikalelo ke go phunya metsi mo didibeng tse tharo.
Rre Mangadi o boletse fa ditumalano le mohiri e le go phunya metsi a a nang le boleng, a a ka nowang ke loruo le batho ba ba berekang mo polasing ka mo nakong eno ba sielwa metsi ka koloi ke ba koporasi ya metsi. go tswa kwa Gakhibana le Khuis.
A re maikaelelo ke gore metsi a ba tlaa a phunyang a bo a le phepa ebile a na le boleng jo bo kwa godimo, bokete le selekanyo se se ka kgonang go rarabolola seemo sa tlhaelo e e leng teng kwa Lobu.
Rre Mangadi a re mo lobakeng lwa dkgwedi tse thataro morago ga go wetsa tiro, ba tlaabo ba ntse ba etse seemo tlhoko, go bona gore a sengwe le sengwe se diragala ka fa go tshwanetseng ka teng, mme morago ba boele gape kwa merafeng go ba begela. Tiro e wela ngwaga oo tlang ka kgwedi ya Hirikgong e le lesome le boraro.
O supile fa maikaelelo a khamphani e le go thapa banni mo metseng ee gaufi le Lobu go tsibogela seemo sa letlhoko la ditiro bogolo jang banana.
Dr Tshepang Moeng go tswa kwa lephateng la matlhoko a loruo kwa Tsabong, e ne o supile fa tsholofelo e le gore tiro e atlege, gore ditlhabololo di tswelele.
O tlhalositse fa maikaelelo e le go simolodisa ditirelo di akaretsa kgwediso ka seatla, go lema dijo tsa loruo, go hirisetsa LEA bontlha bongwe go dira incubation Plant le go ruta barui tiro tsa diatla di itebagantseng le thuo.
Fa a tswa la gagwe, motshwarelela mookamedi wa polasi ya Lobu, Rre Kabo Kemoreile o tlhalositse fa go na le kgolo e e kwa godimo ya loruo mo polsing ya Lobu fa a tshwantshanya le mo nakong e e fetileng ka palo ya e e fetang dikete tse nne tse di akaretsang dikgomo, dihutshane le dipitse.
Rre Kemoreile o supile fa maikaelelo e le go fokotsa dipalo tsa loruo tse di kwa godimo ka go rekisa ka palobalo ngwaga le ngwaga mme maikaelelo e le go rekisa gabedi mo ngwageng fa go sena dikgoreretsi go ya ka ditsamaiso tse di tshwanetseng go salwa morago.
Are mo nakong ya gompieno, go na le badiri ba feta masome a supa ba ba dirang ditiro tse di farologaneng mo polasing go akareditswe le badisa ba ba thapiwang mo lobakeng lwa ngwaga.
Banni mo metseng ya Kolonkwaneng, Bogogobo, Middlepits, Khusi le Gakhibana ba ne ba galaletsa puso ka maiteko a go tsibogela letlhoko la metsi kwa Lobu ba supa fa polasi e tswa kgakala e ba tswela mosola ka ba ikaegile thata ka loruo.
Rre Dick Kotokwe go tswa Khuis o supile fa go na le sediba se se fa gare ga motse se se sa dirisiweng mme ba kopa gore go dirwe ditshekatsheko go thusa ka didiba tse di ka rarabololang seemo sa metsi.
A re didiba tsa barui di dikologile polasi mme seo gongwe se baka dikgoreletsi go phunya metsi mme karabo e nnile gore dipuisano le ditshekatsheko di tlaa dirwa magareng ga barui le puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : GAKHIBANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2025