Breaking News

Go ntsha dibeela go botlhokwa gore pula e ne

14 Jan 2025

 Dipula tse di tsweletseng ka go gosomana mo lefatsheng leno di kaya fa tikologo e le phepa e bile go sena dibeela.

Bogologolo go ne go dumelwa fa dilo tse di leswe jaaka matlakala, magata a diphologolo tse di suleng ga mmogo le diaparo tse di latlhetsweng mo nageng, di ka itsa pula go na.

Go itsa seemo se, kgosi o ne a bolotsa letsholo, morafe o tsamaya mo motseng o ntsha sepe fela se e leng sebeela gore pula e kgone go na. Go ne go dumelwa gore tikologo e e phepa e bulela pula go na.

Kgosi Fanuel Mokalake wa Modipane a re dibeela ke dilo tse di leswafatsang tikologo, di akaretsa diaparo tse di dirisiwang ke batho go ikalafa tse di fitlhelwang mo dithabeng.

A re go le gantsi o fitlhela diaparo tsa go nna jalo di bapotswe ka dipekere kgotsa dimapo.

Kgosi a re dingwe tsa dilo tse go tsewang e le dibeela gape ke ditlhare tse di robegileng ka go rathwa ke tladi ga mmogo le dikau tsa diphologolo tse di swetseng mo nageng.

Ka tumelo ya Setswana, dilo tseo di kgoreletsa pula go na, mme go le botlhokwa gore morafe o tswe letsholo la go kokoanya dibeela di bo di tshujwa.

E re le ntswa ditumelo di farologana, Kgosi Mokalake a re ke tsamaiso ya Setswana go phepafatsa tikologo ka go ntsha dibeela go itsa go fatlha pula.

 O kopile setshaba go sala tsamaiso e morago go netefatsa fa tikologo e nna e le phepa, mme le pula e seke e kalele mo marung.

Kgosi Mokalake o dumela gore dipula di tsweletse ka go gosomana ka jaana, go sena dibela, tikologo e le phepa.

Kgosi Kgomotso Machekeng wa kgotla ya Kgari kwa Tonota o tlhalositse mo potsolotsong fa dibeela e le leswe lotlhe le le mo tikologong, segolo thata le le kaletseng mo ditlhareng jaaka matsela, dipolaseteke, dintlhaga tse di kgologolo le tse dingwe.

Kgosi Macheng a re ka jaana bogologolo Batswana ba ne ba dumela mo badimong, moroka kana ngaka ya pula o ne a gakolola bogogi jwa motse gore tikologo e leswe, ka jalo e tshwanetse go phepafadiwa gore pula e kgone go na.

O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa fela thata go phepafatsa tikologo ka go ntsha dibeela ka se se dira gore pula e ne ka tshosologo e sa fatlhwe ke sepe.

O tlhalosa fa bogologolo metsi a pula a ne a nowa a sa tlhotlhwa, ka jalo go ne go le molemo gore a elele fa go leng phepa.

O tlhalositse fa kgosi e le ene a nang le tetla ya go rebola mephato go tsamaya le motse o ntsha dibeela, a sena go gakololwa ke moroka.

Kgosi Macheng o kopile setshaba go tswelela ka go phepafatsa tikologo go ntsha sepe se se leswe le tse di akgegang mo ditlhareng, a tlatsa ka go re ba ne ba nna le thulaganyo ya go ntsha dibeela ngogola ka Lwetse mo motseng pele ga pula ya kgogolamoko.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Francistown

Event : letsema

Date : 14 Jan 2025