Dikole di itemogela kgolo ya baithuti
14 Jan 2025
Dikole tsa Maikano JSS, Gaborone West JSS, Nanogang JSS, le Moselewapula JSS, di itemogetse kgolo mo dipalong tsa bana ba ba simololang lokwalo la bongwe.
Batsadi le bana ba ne ba tshologetse pitso ya dikole go tla go amogela bana semmuso kwa tshimologong ya setlha sa ntlha sa ngwaga wa 2025.
Mo potsolotsong mogolwane kwa Nanogang JSS, Rre Gordon Makgosa, o boletse fa sekole sa bone se itemogetse kgolo e tona mo dipalong tsa bana ba lokwalo la bongwe.
Rre Makgosa o tlhalositse fa sekole se gatisitse baithuti ba makgolo a mararo le masome a marataro le botlhano, fa ngogola ba ne ba gatisitse makgolo a mararo le masome a supa le botlhano.
O supile fa ba na le bana ba le lekgolo ba dikopo tsa bone di sa ntseng di iseng di amogelwe, ka tsholofelo ya gore ba bangwe ba tlaa batla go ikwadisa kwa dikoleng tse dingwe.
Rre Makgosa a re se se tlaa diragala morago ga malatsi a le lesome a tiro.
A re fa ele gore palo ya baithuti e ka fokotsega, seo se tlaa fa sekole sebaka sa go lebelela dikopo tse di sa ntseng di le teng.
Rre Makgosa o solofela gore ba tlaa kgona go amogela baithuti botlhe ba lokwalo la bongwe.
Kwa sekoleng sa Gaborone West JSS, Mme Lillian Tlhalerwa, o boletse fa ba amogetse bana ba le makgolo a mararo le masome a mararo, fa ngogola ba ne ba gatisitse magareng ga makgolo a mararo go ya go makgolo a mane.
O tsweletse ka go tlhalosa gore fa palo ya baithuti e ka tswelela e gola, letlhoko la ditilo le ditafole le tlaa oketsega.
Mme Tlhalerwa o supile gore sekole se dirisitse madi a mokgatlho wa barutabana le batsadi go dira ditlhabololo go itebaganya le kgolo ya dipalo tsa bana.
Kwa Maikano JSS, dipalo tsa bana ba ba ikwadisitseng di fitlha kwa go makgolo a mararo le masome a mane le boraro, fa ngogola ba ne ba amogetse ba le makgolo a mararo le boraro.
Rre Pulafela Joseph wa Maikano JSS, o boletse fa go nale kgonagalo ya gore dipalo di tswelele ka go gola, mme ba itemogela dikgwetlho di tshwana le matlwana a borutelo a a sa lekaneng baithuti.
Rre Isaac Sethebe wa Moselewapula JSS ene o boletse fa ba amogetse bana ba le makgolo a mararo le masome supa, mme a supa fa dipalo tse di ka tswelela di oketsega.
Bagolwane ba dikole ka go farologana ba rotloeditse batsadi go tshwaragana le barutabana go netefatsa katlego ya thuto ya bana ba bone.
Ba tlhalositse fa tshwaragano e ka thusa go fokotsa mathata a tshwana le boitaolo jwa bana le kwelo tlase ya maduo mo dikolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Setlhare
Location : GABORONE
Event : Potsoloso
Date : 14 Jan 2025