Ba-na le bogole ba tlhoka thotloetso
05 Dec 2024
Ba-na le bogole ba tlhoka go rotloediwa mo go tse ba di kgonang.
Se se builwe ke morutabana wa dithuto tse di faphegileng (Special Education) gape e le mothusa mogokgo wa sekolo se se botlana sa Morwalela, Mme Babilimi Letebele kwa kalosong le go ipelela malatsi a keresemose a baithuti ba ba nang le bogole kwa sekoleng seo bosheng.
A re ba ba alogang ba supile bokgoni thata mo tirong ya diatla e akaretsa tshingwana ya merogo, thuo ya dikoko le dikgwebo ya go rekisa. Ka jalo are se se supa fa go sa reye gore motho fa ana le bogole ga ana bokgoni.
Are bana ba ba nang le bogole le bone ba na le dikeletso tse ba tlhokang thotoetso mo go tsone. O rotloeditse barutabana go ba ruta mo go haphegileng ba lebile bokgoni jwa bone.
A re go le gantsi bana ba tlhokisiwa bokgoni ke tikologo e ba nnang mo go yone. O supile fa ba-na le bogole ba kgona dilo di le dintsi di akaretsa le tsa metshameko.
O tsweletse a re bana ba fa ba tshwara dingwaga tse di lesome le borobabobedi (18) ba a aloga gore jaanong ba tsene mo setshabeng, a tlhalosa fa ba tlhoka go rotloediwa. O ikuetse mo setshabeng gore ba ba eme nokeng, ba thusiwe ka mananeo.
Mogolwane wa Palapye Technical College, Mme Oseratile Namponya a re ere le ntswa lephata la thuto le na le lenaneo la go amogela ba-na le bogole mo dithutong, sebe sa phiri ke gore ba santse ba sena barutuntshi ba dithuto tse di faphegileng le ditlamelo tse di ba siametseng.
A re ba santse ba tsaya ba-na le bogole ba ba nang le bogole jo bo botlana morago ga ditshekatsheko tsa bokgoni jwa bone.
Mongwe wa barutabana, Mme Obonetse Lebala a re ba-na le bogole ba tlhoka lorato le go lemotshiwa gore ba a kgona.
A re mo ngwageng ono go aloga ba-na le bogole ba le bane, basimane ba le bararo le mosetsana a le mongwe.
Mme Lebala a re bana ba supile bokgoni mo go tlhatsweng dikoloi (car wash), le tsa thekiso. Go ba thusa go ka ikemela ka nosi, a re ba filwe di dirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi le setoko sa dinekere tsa madi a a kanang ka P500 mongwe le mongwe wa bone.
Mongwe wa dialogane tse, Mme Peo Kenosi a re ba ithutile gole gontsi thata jaaka tlhokomelo ya dikoko, go roka, temo le tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Kaloso
Date : 05 Dec 2024