Monna o gobaditswe ke nkwe
04 Dec 2024
Rre wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano wa motse wa Matsaudi kwa kgaolong ya Bokone Bophirima o a sidilega morago ga gore a tlhaselwe ke nkwe a le mo patlong ya ditonki.
Mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Joseph Lepodise o rurifaditse mo potsolosong, a tlhalosa fa rre yoo, a ne a tlhaselwa ke nkwe bosheng, mme ya mo gobatsa mo mabogong otlhe.
A re rre yo, o ne a na le yo mongwe ba le mo patlong ya ditonki mme ba tsamaya le dintsa mo nageng, ka go tlhoka lesego dintsa tseo tsa tsosa nkwe e robetse mme ya di alola.
O tlhalositse fa nkwe e ne ya tlolela motswasetlhabelo mme ya mo loma mabogo oo mabedi ya mo tlogela ka dintho tse di masisi.
Superintedent Lepodise a re motswasetlhabelo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa a neng a robadiwa mme a gololwa morago ga malatsi.
A re ba ne ba begela ba lephata la diphologolo ba ba neng ba bolotsa letsholo go batla nkwe eo mme ka maswabi ba itaya sefololetse ka jaana e sa bonala.
Superintedent Lepodise o ikuetse mo banning go nna podi matseba fa ba tsamaya, a supa fa tikologo e saila ka diphologolo tse di borai. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 04 Dec 2024