Ba tlhopha baemedi ba Ntlo ya Dikgosi
26 Nov 2024
Dikgaolo di tsweletse ka go tlhopha boemedi jwa marara go di emela kwa ntlong ya dikgosi.
Kgaolo ya Kgalagadi Borwa bosheng e tlhophile Kgosi Matshidiso Babeile wa Kisa go nna moemedi kwa Ntlo ya Dikgosi.
Kgosi Babeile o tsaa marapo mo go Kgosi David Toto II, yo o neng a emetse kgaolo dingwaga di le masome a mararo.
Kgosi Babeile o tlhophilwe ke marara a le masome a mane mo ditlhophong tse di neng di phuthile marara a le 97 go tswa kwa Struizendam go fitlha kwa Kokotsha.
Kgosi David Toto II o ne a tlhophiwa ke ba le masome a mararo le borataro, fa Kgosi Phillip Lorekang wa Maubelo ene a ne a tlhophiwa ke ba le lesome le bobedi mme Kgosi Julius Mathule wa kgotlana ya Werda a ne a tlhophiwa ke ba le supa.
Mo potsolotsong le BOPA morago ga phenyo ya gagwe, kgosi Babeile o lebogetse botlhe ba ba mo tlhophileng le ba ba sa mo tlhophang, a solofetsa fa a tlaa bereka le bone botlhe ka therisanyo gore kgaolo e tswelele pele.
A re se se diragetseng ke ditso tse di supang diphetogo ka jalo a re go botlhokwa go amogela diphetogo.
“Le rona re tshwanetse re bone gore re a fetoga le ka fa re dirang dilo ka teng jaaka tautona wa pele a buile,” a tlhalosa.
Kgosi Babeile yo e leng kgosi ya tetlanyo o ne a supa fa a tsaya ka tlhwaafalo go tlhophiwa ga gagwe ka go supa tshepho mo bokgoning jwa gagwe.
A re o tlaa simolola ka go phutha marara otlhe go tsaya megopolo e a tlaa e fetisetsang kwa Ntlo ya Dikgosi.
A re maikaelelo a gagwe ke go emela kgaolo ka dinao go bona gore e a tlhabologa mme o tlaa itebaganya le mhama wa temo-thuo o e leng mokwatla wa itsholelo ya kgaolo eo.
A re banni ba tshwenngwa thata ke leuba ka jalo ba tshwanetse ba tswa ka ditselana tse di ka lepalepang le diemo tse.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi David Toto II o ne a amogela maduo a ditlhopho, a supa gore diphetogo di tshwanetse tsa amogelwa.
A re o tlaa ema nokeng Kgosi Babeile ka dinako tsotlhe mme a mo rotloetsa go emela kgaolo ka mashetla.
Mo potsolotsong, Kgosi Isaac Titus wa motse wa Struizendam o boletse fa Kgosi Toto II a diretse kgaolo eo ka botswerere ka lobaka lo lo leele.
A supa jalo gore ba ntse ba eme Kgosi Toto II nokeng ka dinako tsotlhe mme jaanong marara otlhe a tshwanetse a amogela moeteledipele yo mosha.
A re Kgosi Babeile o itshupile bokgoni, a tlatsa ka gore marara a mo tlhophile ka a ne ba bona fa a ka emela kgaolo botoka go ya pele.
Kwa kgaolong ya Serowe/Palapye, Dikgosi le dikgosana tsa metse e emo kgaolong eo, ba thophile ele la bobedi Kgosi Nlakibzi Kabelo go ba emela kwa ntlong ya dikgosi.
Kgosi Kabelo wa kgotla ya Sokwane mo Serowe o tlhophilwe ke dikgosi di le masome a marataro
Molaodi wa kgaolo ya Serowe mme Angelina Leano-Bakoko o boletse mo potsolosong gore ba ne ba solofetse dikgosi di le 241, mme ga tlhopha fela ba le 141.
O boletse fa ditlhopho di ne tsa tsamaya sentle go sena makgore ape. O ba lebegotse go tlhopha ka mowa oo edileng.
Kgosi Kabelo o ne a amogela thomo ya go emela kgaolo kwa ntlong ya dikgosi ele lekgetho la bobedi.
O tlhalositse fa a tsile go tswelela a ba emela sentle ko ntlong ya dikgosi, a isa megopolo ya bone, a bo a ba buelela ka ditshwanelo tsa bone.
Kwa kgaolong ya Boteti go tlhophilwe Kgosi Benjamin Banyula wa Mopipi go emela gape kgaolo ya Boteti kwa Ntlo ya Dikgosi.
Kgosi Banyula o ne a eme le Kgosi Dira Galeragwe le Kgosi Joseph Kenalemang.
O tlhophilwe ke batho ba le 36 fa ba ba bangwe ba tlhophilwe ke ba le 30 mongwe le bongwe wa bone.
Molaodi wa Boteti, Rre Motshwariemang Matseka o tlhalositse gore go tlhophile batho ba le 98. O supile gore batho ba le babedi ga ba aka ba tlhopha ka ba ne ba sa tshola Omang.
Fa a ntsha la gagwe Kgosi Banyula o ne a leboga magosi a Boteti go mo roma go ya go ba emela kwa Ntlo ya Dikgosi.
A re kagiso le thitibalo tse di renang mo Botswana di dirwa ke tiro ya botlhokwa ya dikgosi mo setshabeng.
Le fa go ntse jalo o supile matshwenyego a gore seriti se magosi a itsegeng ka sone se nyelela ka monokela.
Mokwaledi wa khansele, Rre Mpaphi Kgomotso o ne a akgola magosi go bo a tlhophile ka kagiso.
Kgosi Galeragwe le Kgosi Kenalemang ba ne ba amogela maduo mme ba leboga ba ba ba tlhophileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe le Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 26 Nov 2024