Breaking News

Puso e tlaa tokafatsa matshelo

18 Nov 2024

Maikaelelo a puso ke go fetola matshelo a Batswana, gore a nne botoka, gore ba kgone go tshela sentle mo lefatsheng la bone.

“A ke bana, a ke banana, a ke bomme le borre, Tautona Advocate Duma Boko a re Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tshela sentle mo lefatsheng la gagwe,” ga bua modulasetilo wa Botswana National Front (BNF), Dr Patrick Molutsi.

Dr Molutsi o buile jaana fa a rola molaetsa wa moeteledipele wa BNF, Tautona Adv. Boko, kwa phuthegong ya boeteledipele jwa BNF, kwa Mogoditshane ka Matlhatso.

Tautona o ne a se yo ka mabaka a ditshwarego ka tsa ofisi ya gagwe ya botautona.

Maikaelelo a phuthego e, e ne e le go fa boeteledipele jotlhe jwa BNF sebaka sa go sekaseka seemo sa phathi mo nakong ya gompieno, le go betla tsela ya gore phathi e tlaa tswelela pele jang mo go eteleleng lefatshe pele.

Phuthego e, e ne e tsenwe ke maloko a khuduthamaga ya; BNF, ya banana le ya bomme gammogo le mapalamente, makhanselara le badulasetilo le bakwaledi ba dikomiti tsa dikgaolo tsa botlhophi.

Mo molaetseng wa gagwe, Dr Molutsi o boletse fa Tautona Boko a tlhalositse gore puso e itlamile go tlhomamisa gore e dira ka natla gore Motswana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa lekgotla le fe la sepoloti, o tshela botshelo jo bo nametsang.

O supile fa Tautona Boko, mo molaetseng wa gagwe, a lebogile maloko a BNF ka boineelo le maikaelelo a bone mo go thuseng go fetola puso ya Botswana, morago ga dingwaga tse di masome matlhano le borobabobedi e eteletswe pele ke Botswana Democratic Party. Go supa fa UDC e lebogela se, a re Tautona Boko o gateletse fa puso e tlaa itebaganya le go fitlhelela dikeletso tsa Batswana.

Fa a simolodisa phuthego, Mokwaledi mogolo wa BNF, Rre Ketlhalefile Motshegwa o supile fa molao-motheo wa BNF o tlama khuduthamaga ya phathi, ka tsetlana ya 35.1, gore go tshwarwe phuthego ya mofuta o.

Go ya ka tsetlana e, Rre Motshegwa o tlhalositse fa khuduthamaga ya BNF e ne ya bona go le botlhokwa go tshwara phuthego e go rutuntsha boeteledipele jwa phathi ka maitlamo a UDC gore bo tle bo a diragatse ka fa go tshwanetseng ka teng.

Maitlamo a UDC, a re ke one a golaganyang Batswana le UDC ka e le yone phathi e e eteletseng Botswana pele mo nakong ya gompieno.

Ka UDC e akaretsa BNF, Alliance for Progressives le Botswana People’s Party, Rre Motshegwa a re go botlhokwa gore dikhuduthamaga tsa diphathi tse tharo tse, di rulaganye diphuthego tsa mofuta o go leka go tswa ka maikaelelo a tsone mo go thuseng UDC go diragatsa maitlamo a yone mo go tokafatseng matshelo a Batswana gammogo le go etelela lefatshe go ya pele.

Se, a re se tlaa netefatsa gore boeteledipele jwa diphathi tse, ga di fapaane le se se mo maitlamong a UDC fa ba bua kwa palamenteng le kwa khanseleng.

O rotloeditse baeteledipele gore ba rutuntshe badirelapuso ka maitlamo a UDC, gore le bone ba tle ba a tlhaloganye gore ba kgone go a diragatsa, ka e le one maitlamo a a tlaa bong a tsamaisa puso.

Rre Motshegwa o supile gape gore phuthego e, e ne gape e itebagantse le go sekaseka ka fa BNF e dirileng ka teng mo ditlhophong tse di fetileng, gore e simolole go ipaakanyetsa ditlhopho tsa 2029 le go ngokela maloko a masha mo phathing.

Bangwe ba baeteledipele ba BNF, ba ba neng ba tsene phuthego e, ke mothusa modulasetilo wa BNF, Rre Nelson Ramaotwana le Motshwaramadi, Rre Noah Salakae, gareng ga ba bangwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 18 Nov 2024