Breaking News

Mogoditshane East ga a ise e simolole go bala

31 Oct 2024

Kgaolo ya Mogoditshane East ga e ise e simolole go bala ditalama.
 
Mo potsolotsobg, motlhophisi mogolo, Re Morapedi Ntwaagae o tlhalositse fa mabokoso a ise a goroge otlhe.
 
Rre Ntwaagae a re go gorogile mabokoso a le masome mabedi mo go a a masome mabedi le boferabongwe a a solofetsweng.
 
Kgaolo ya Mogoditshane East e ntsha e mgathilwe mo Mogoditshane go di dira pedi gore e nne Mogoditshane East le Mogoditshane west.
 
Mogoditshane East e emetswe ke bonthopeng ba mapalamente ba le bane.
 
Rre Ntwaagae o ne a thalosa gore Palo yotlhe ya batho ba ba ikwadiseditseng go tlhopa mo kgaolong ke 12 000. 
 
A re tiego e bakilwe ke gore mongwe wa batlhophisi o ne a tsenelelwa ke dilalome kwa lapeng, ka moo a seka a iponatsa ka nako go tlhophisa mo go bakileng gore go tlhophisa mo kgaolong ya gagwe go simologe metsotso e le masome mararo go tlogela nako ya boferabobedi mosong. 
 
Mo go tse dingwe o ne a re go nnile le modirela puso mongwe yo o neng a leka maiteko a go tlhopha ga bedi, ntswa a ne a tlhophile maloba.
 
A re o ne a kgona go lemogiwa a setse a latlhetse talama ya bokhanselara.
 
Rre Ntwaagae a re fa ba mmotsolosa o ne a supa fa a itse e bile a tlhaloganya se a neng a se dira, ka jalo ba mo neela mapodisi go mo lebisa molato. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : MOGODITSHANE

Event : 2024 General Elections

Date : 31 Oct 2024