Breaking News

Batlhophi ba Kuke ba gorogile thari kwa matlhophelong

30 Oct 2024

Batlhophi ba Kuke kwa kgaolong ya botlhophi ya Ghanzi  ba tshologetse mo matlhophelong metsotso fela pele ga matlhophelo a tswalwa.

Moeteledipele wa batlhophisi, Mme Matsietsa Dibeela, o supile fa ba ne ba itemogela tshologelo ya bagodi mo mosong le motshegare.

A tlhalositse fa seo, e le sone se ka tswang se bakike tiego mo matlhophelong ka bontsi jwa bone ba ne tlhoka thuso go tlhopha.

Le fa go ntse jalo, o supile fa ba ikemiseditse go tsweledisa tiro go fitlhelela batlhophi botlhe ba ba itshupileng ba wela.

#BotswanaDecides

#WeInformAndEducate

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KUKE

Event : 2024 General Elections

Date : 30 Oct 2024