Pheto mogaka wa bagaka mo bokwading jwa padi jwa Aferika
27 Oct 2024
Rre Peloentle Pheto o kailwe e le mongwe wa bagaka mo Aforika mo go kwaleng padi.
Rre Pheto yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le malatsi a le lesome le boferabongwe morago ga go lwala ka sebakanyana, o kailwe fa e ne e le senatla se se lwetseng ka botswapelo bokwadi jwa Setswana go supegetsa lefatshe lotlhe gore Batswana ke batho e bile botlhale jwa Motswana e le botlhale jwa mmantota
Mo boemong jwa bakwadi ba Botswana, Aforika Borwa, Borwa jwa Aforika le bakwadi ba kgaolo ya Kweneng kwa segopotsong sa ga Rre Pheto ka Labone kwa Molepolole, Rre Moroka Moreri o tlhalositse fa Rre Pheto a beile boleng jwa teme ya Setswana mo mmepeng.
Rre Moreri a re fela jaaka mafatshe a mangwe a a tlhabologileng jaaka a Europe, Russia, China, America le la Aforika Borwa ba ne ba itlotlomatsa, ba ipela ka bakwadi le ditiro tsa bakwadi ba bone, le mono gae ga go thona go kganya le go ikgantsha ka Rre Pheto.
“Re thethatheta ka morwa Ramokwelema, o ka re isa, a re busa, re komakoma ka ene,” Rre Moreri a kaya, a supa fa ba ikgantsha ka mogaka o.
A re ba lemoga Rre Pheto ka tlotlo e kgolo jaaka mogaka le motlhagolatsela wa bokwadi jwa Setswana ka ka nako e e thata e bokwadi jwa seeng bo ne bo ‘re raya bore sekgoa ke sone kitso, bokwete le tlhabologo,” Rre Moreri a tlhalosa.
Rre Moreri a re Rre Pheto o ne a intsha setlhabelo, a thiba phatlha gore fa go buiwa ka padi mo mafatsheng a a tlhabologang, a beye lefatshe la gaabo kwa pele.
O supile fa Molepolole a na le matlhagolatsela a bokwadi a a kwenneng ba akaretsa Titus Mbuya, Cedrick Thobega, Barolong Seboni, Tlhongadi Ntsima, Bobana Badisang le Billy Mokgosi.
A re buka ya ga Rre Pheto ya Botlhodi jwa nta ya tlhogo, e e kwadilweng ka matsetseleko a a senang selekanyo, ba ba e badileng botlhe fela, ba e ratile.
Lerato le, a re le ne le bakwa ke dilo di le mmalwa di akaretsa gore e kwadilwe ke Motswana, molodi wa puo, dikgang tse di sa sweng tse di mo lokwalong lo tse di buang ka Motswana wa nnete di sa potologe, le thuto e e tlang ka teme e ba e tlhaloganyang.
O tlhalositse gape gore dikatlego tsa buka eo di mmalwa, di akaretsa ntlha ya gore buka e e badilwe ke baithuti ka dinako tsa yone e le yone padi e e neng e dirisiwa mo dikoleng.
A re e dirisitswe gape kwa dikoleng tsa barutabana jaaka Molepolole College of Education le kwa Mmadikole.
Rre Moreri a re fa buka e atlega, e bonwa ka go ranolelwa mo ditemeng tse dingwe mme buka e, e ne ya ranolwa ke ngwana wa Motswana, Rre Keith Phetlhe a e ranolela mo sekgoeng.
A re ka yone tsela e, buka e, ba mokgatlho wa poko wa Motlhaolosa ba eletsa go dira setshwantsho sa motshikinyego ka yone, ba ikopantse le modiri mogolo wa ditshwantsho tsa motshikinyego yo o tumileng ka setshwantso sa motshikinyego sa Hot Chilli le sa ga Rre David Magang, Rre Moabi Mogorosi le go e senkela madi gore batho ba ba sa e balang ba e utlwe jaaka segompieno se dira (audio book).
O tlhalositse gape fa mokgatlho wa Motlhaolosa o eletsa go direla Rre Pheto dilo tse di farologanyeng go tlotlomatsa leina la gagwe jaaka sefikantswe, go nopola leina la gagwe gore a fiwe seetsele sa ga Tautona sa Naledi Ya Botswana, go reelela lefelo/kago kana tlhabololo nngwe ka ene le go dira letsatsi la ga Pheto.
Rre Pheto o tsetswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le mararo ka 1948. O tlholega kwa kgotleng ya Goo Ntloedibe kwa Molepolole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Segopotso
Date : 27 Oct 2024