Breaking News

Lenaneo le fitlheletse maikaelelo

27 Oct 2024

Lenaneo la Ipelegeng yo o tlhabolotsweng le fitlheletse maikaelelo a lone.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o ne a bua se kwa motseng wa Majwaneng ka Labobedi kwa moletlong wa go abela baithuti ba le masome a mane le bone ditlankana tsa go dira dithuto tsa Ipelegeng yo o tlhabolotsweng,

A re maikaelelo a lenaneo leo a go tsisa kitso mo Batswaneng, go nyeletsa lehuma, go godisa itsholelo ya magae, go tlhabolola dikago le gone go tlhama mebereko ya sennela ruri a fitlheletswe.

Baithuti bao ba ne ba dira tiro ya kago ya matlo a selebego sa LA2, e le nngwe kwa motseng wa Ratholo, e le nngwe kwa motseng wa Majwaneng tse di neng di le mo lenaneong la tlhabololo dikgaolo (Constituency Community Programme).

Rre Autlwetse a re mo dikgweding di lesome go tshwerwe lenaneo le, go ne ga kopanwa le dikgwetlho ka go farologana, mme di ne tsa kgona go fenngwa e bile go ithutilwe go le gontsi mo go tsone. A re fa go ne go sa nna jalo baithuti ba kabo ba sa fetsa dithuto tsa bone mme ba alosiwa.

O ne a akgola khansele ya Palapye, boeteledipele jwa metse e baithuti ba tswang mo go yone, batsadi ba bana ba ba neng ba aloga, dialogane, baruthuntsi e bong CITF mo tirong e ntle e ba e dirileng.

O ne a supa fa bangwe ba dialogane ba setse ba simolotse go bona ditiro fale le fale e bile komiti ya ditlhabolo ya motse wa Ratholo e tsere tshwetso ya go neela dialogane tsa bone ditiro tsa go baakanya le go ntshafatsa dikago tsa bone mme ebile go supilwe fa ba dira tiro e ka manontlhotlho le botswerere.

A re baithuti bao, ba aloga jaana morago ga gore puso ya lefatshe leno ka lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae e tsee tshwetso ya go tokofatsa lenaneo le la Ipelegeng go neela Batswana tshono ya go ithuta tiro ya diatla ya tsa kago ba ntse ba dira mo Ipelegeng.

Lenaneo le, le simolotse ka Tlhakole 2022, kwa kgaolong ya borwa e le tekeletso pele le simolodisiwa kwa dikgaolong go ralala lefatshe leno ka Moranang 2022.

 Rre Autlwetse a re kgaolo ya Palapye, e simolodisitse lenaneo le ka Phatwe ngwaga o o fetileng ka baithuti bao ba ba akaretsang bomme ba le lesome le bobedi le borre ba le masome a mararo le bobedi.

Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa tshimologo ya lenaneo la Ipelegeng yo o tlhabolotsweng, e ne itebagantse le go diragatsa nngwe ya matshego a tebelopele ya 2036 ya go fitlhelela kitso le tlhabololo ya itsholelo e e tsipameng e remeletse thata mo tlhabologong ya dikitso tse di tlhokafalang.

A re fa lefatshe le na le kitso le ka nna le itsholelo e e molemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Majwaneng

Event : Kabo ya ditlankana

Date : 27 Oct 2024