Banni ba kopa go tsenyetswa terata
21 Oct 2024
Banni ba Maitengwe ba re go lebaka ba kopile puso go tsenya terata ya motlakase go agelela molelwane ele maiteko a go laola motsamao wa diphologolo tsa naga.
Ba buile jalo kwa phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa Lephata la Tikologo le Bojanala, Mme Nnaniki Makwinja kwa Maitengwe ka Labone.
Banni ba tlhalositse fa ba ne ba kopile gape gore go epiwe didiba tse di tlaa nosang diphologolo go di itsa go saila le naga mo di felelang di gotlhagotlhana le batho.
Ba supile fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke ditlou tse di senyang kwa masimong le kwa merakeng, tse ba boletseng fa di oketsegile ka palo e e kwa godimo.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Knight Kgaogano, o tlholositse fa ditlou ga mmogo le diphologolo tse dingwe di ba itsa go lema, ka jalo are go batla tlharabololo ya sennela ruri.
Are nngwe ya dikgang tse di tshwanetseng go rarabololwa ke palo ya ditlou, e a reng e tlhoka go fokotswa ka di fetile palo.
Fa a tswa la gagwe, Tona Makwinja a re lephata le epile didiba kwa Ngwasha go leka go nosa diphologolo tseo ka ba lemogile fa di dirwa ke go batla metsi le phulo mo di felelang di gotlhagotlhana le batho.
Mme Makwinja o ile a rotloetsa banni go itshwaraganya le ba lephata la Diphologo, lephata la Temo-Thuo le komiti ya Trust mo motseng gore ba kgone go agelwa terata ya motlakase e e tlaa thusang go laola diphologolo tseo kwa masimong.
O supile fa puso e ikaeletse go dira thulaganyo e e tshwanang le ya kwa Bobirwa ya molelwane mo metseng yotlhe e e bapileng le melelwane go araba selelo sa banni.
Mokwaledi kwa lephateng leo, Rre Boatametse Modukanele, a re tlharabololo e ba bonyeng e ka bereka ke ya go aga terata ya motlakase, mme are banni ba ikopanye le maphata a a maleba go bona ka fa ba ka thusiwang ka teng.
A re maiteko a puso a go leka go siela diphologolo tseo metsi go dikganelela kwa mafelong a diphologolo a iteile sefololetse ka di setse di gotlhagotlhana le batho.
Rre Modukanele o tlhalositse fa lephata le santse le sekaseka kgang ya diphologolo tse di senyetsang batho mme di sa akarediwa mo phimolong dikeledi.
E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Shadreck Mphala-Mengwe wa Maitengwe, a bolela fa bangwe mo motseng oo ba kgonne go akola mananeo a puso a e a beileng pele, la Chema chema le la Temo Letlotlo.
Kgosi a re go a itumedisa go bo puso e tshwenyega ka matshelo a batho.
A re le fa batho ba kgona go bona dithuso tse dintle jaana, sebe sa phiri ke ditlou tse di senyang maiteko ao.
Kgosi a re diphologolo tseo, di setse di gobeya le mo motseng di batla metsi le yone phulo tota ka e bile lefatshe le santse le kwakwaletse.
Kgosi Mphala-Mengwe o ne a kopa lephata go tla ka tlharabololo ya sennelaruri.
O boletse fa ba na le Trust mo motseng, ka jalo a kopa lephata go potlakela go ba tsenyetsa terata ya motlakase kwa masimong gore ba kgone go tshwara peo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Maitengwe
Event : Potsolotso
Date : 21 Oct 2024