Kgosi Motshegare o itumelela ditlhabololo
20 Oct 2024
Mothusa Kgosi ya Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o boletse fa a itumelela ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong ya Goodhope.
Fa a bua kwa tirong ya go simolodisa kago ya ditsela mo kgaolong ya Goodhope, e e neng e ribololwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka Laboraro kwa Malokaganyane, Kgosi Motshegare o boletse fa a tletse ka boitumelo ka jaana bontsi jwa ditsholofetso tse ba ntseng ba di solofeditswe di diragaditswe.
Kago ya ditsela e e akaretsang sekgele sa dikhilomethara di le masome a matlhano le borobabobedi e abetswe komponi ya mo gae ya Tau Grading and Building Construction ka P654 million.
Kgosi o boletse fa go le dingwagangwaga ba solofeditswe go dirwa ga tsela ya Gathwane-Kgoro-Goodhope, mme a re o itumelela gore puso ya mo nakong eno e diragaditse ditoro tse ba saleng ba di solofeditswe.
O boletse fa Barolong e se batho ba ba nnang ka go etela kwa le kwa jaaka go ya masimo, magae le meraka, mme a supa fa tseo tsotlhe ba di direla golo gole gongwe mme ka moo, go le motlhofo gore fa ditlhabololo di tshwana metsi, motlakase le maranyane di goroga, di fitlhelele ditiro tsa matshelo a bone ka bontsi.
O supile fa ditsela tse di sa tswang go ribololwa di feta mo magaeng, meraka, le masimo a Barolong, mme a bolela fa tse dingwe jaaka metsi le motlakase di setse di gorogile mo kgaolong.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Motshegare o supile gore tsela nngwe e e saletseng morago ke ya Lejwana e a supileng e se sekgele se seleele mme e tshwaraganya kgaolo ya Barolong le Gangwaketse.
E rile a bua kwa moletlong oo, tona wa dipalamo le ditiro tsa sechaba, Rre Eric Molale a bolela fa mo nakong eno, banni ba akola motlakase wa mono go tswa Palapye mme ba sa tlhole ba ikaegile ka wa South Africa.
Modulasetilo wa khansele ya Goodhope, Rre Kenaleone Motsaathebe le ene o rurifaditse fa kgaolo ya Goodhope e bone ditlhabololo, a bolela fa gape ba itumelela kago ya diofisi tsa sepodisi kwa Digawana, Metlobo le Phitshane Molopo.
Rre Motsaathebe o solofeditse fa ba e le banni, ba tlaa tlhokomela ditlhabololo tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Gaolebogwe
Location : MALOKAGANYANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Oct 2024