Matona a lekodisa banni ba Lobatse
17 Oct 2024
Matona a maphata a a farologaneng a puso a lekodisitse banni ba Lobatse ka ditiro tse maphata a bone a di kgonneng le tse ba tsweletseng ka tsone.
Ba dirile tekodiso e kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa toropong eo ka Laboraro.
Tautona Masisi o ne a supile gore e re ka puso e le barongwa ba setshaba, go botlhokwa gore gangwe le gape baemedi ba yone ba boele kwa Batswaneng go ba baya motlhala ka fa ba tsweletseng ka teng ka ditiro tse di faraloganeng.
Mo tekodisong ya gagwe, Tona wa tsa Meepo le Kgotetso Rre Lefoko Moagi o tlhalositse fa puso e gatetse pele mo maitekong a go atolosa phatlalatso ya motlakase lefatshe leno ka bophara, a supa fa keletso le maikaelelo e le gore motse mongwe le mongwe le lelwapa lengwe le lengwe di nne le motlakase.
A re mo kgaolwaneng ya lephata e e akaretsang Lobatse le metse ya kgaolo ya Morolong, motse wa Mogobewakgomo ke one fela o santseng o sena motlakase, mme a supa fa thulaganyo ya go o gokela motlakase e se kgakala le go simolola.
Tona Moagi a re e ntse e le maiteko a puso a go tlhomamisa gore motlakase o akolwa ke botlhe, lephata la gagwe le simolodisitse thulaganyo ya go gokelela batho motlakase mo malwapeng ntle le go ba lopa tuelo epe.
Mo go tsa kepo ya ditswammung, a re kwa Lobatse go epiwa mmu wa mmopa/letsopa o kompone ya Lobatse Clay Works e o dirisang go dira ditena.
O tlhalositse fa go bonwe Manganese kwa Kanye le Otse, mme a kaya fa go tsweletswe ka go dupa kwa Lobatse go tlhola gore a e ka seke e bonale gape le koo. Rre Moagi a re Manganese o ditiro tse di botlhokwa di akaretsa go dirisiwa mo go agiweng ga malatlha a dikoloi tsa motlakase.
Mothusa tona wa Lephata la Temo-thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o boleletse banni fa lephata la gagwe le dira ka natla go thusa go tsosolosa itsholelo ya Lobatse. A re ka kgwedi ya Lwetse monongwaga, ba simolodisitse ditiro tse dikgolo tse go solofetsweng gore di sologele molemo toropo eo le banni ba yone.
Rre Molebatsi a re go dirilwe tshimolodiso ya Lobatse Leather Park, e go tlaa sugwang matlalo teng le go ntshiwa ga dithoto tse di farologaneng tse di dirilweng ka letlalo mme a supa fa tiro e e tlaa lopa P230 million.
A re e ntse e le ka Lwetse lephata le ne la simolodisa kago ya madirelo a dijo tse di tsenngwang mo dithining (canned products) kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission. Tiro eo yone, o tlhalositse fa e tlaa dirwa ka P200 million.
Mothusa tona wa Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Buti Billy ene o itsesitse banni fa lenaneo la go thusa dikgwebo tsa banana ka madi la Youth Development Fund le tsweletse sentle kwa Lobatse. A re fa e sale le simolodisiwa, dikgwebo di le 176 kwa Lobatse di thusitswe ka madi a ka tshoboko a fitlhang kwa go P17 million.
Tona Billy a re e le lephata ba lwa ka gotlhe gore dikgwebo tsa banana ba Botswana e nne tsa boleng jo bo di letlang go phadisanya le tsa banana ka bone go tswa kwa mafatsheng a sele.
O kaile gape fa metshameko e e tshwarwang ka dikgaolo tsa botlhophi e tsweletse lefatshe leno ka bophara. Rre Billy a re metlobo ya dibuka e e ka fa tlase ga lephata leo le yone e tsweletse ka go thusa go anamisa dikitso.
Mothusa tona o ne gape a bua ka metshameko kwa dikolong, a tlhalosa fa dithulaganyo di tsweletse tsa gore e boe.
Tona wa Tikologo le Bojanala Mme Nnaniki Makwinja o ne a amogela ka tsoo-pedi kopo ya banni ba Lobatse ya gore ba thusiwe go baya molapo wa kgaolwana ya Peleng mo seemong se o ka dirisediwang tsa bojanala.
A re ke maikaelelo a puso go rotloetsa bojanala jwa mo ditoropong ga mmogo le go sireletsa le go tlotlomatsa mafelo a a supang ditso.
Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa komiti e kgolo ya ditlhabololo kwa Lobatse, Rre Andrew Maokaneng o ne a supa fa Lobatse e le lefelo le le popota la ditso mme go le botlhokwa gore puso e thuse banni ba toropo eo go e baya mo maemong a mantle a go ka dira letseno ka tse di amanang le ditso tse di fitlhelwang mo go yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Oct 2024