Breaking News

Boora Molatlhiwa ba tshegeditse ngwao

16 Oct 2024

Mo ngwaong ya Setswana go na le mefuta e mebedi ya botsetsi e e amang bomme.

Mefuta yotlhe ya botsetsi jaaka botsetsi jwa go tshola ngwana le botsetsi jwa go rafola, e ne e tseelwa kwa godimo thata ka jaana e na le tsamaiso le meila ya yone ee farologaneng.

E ne yare BOPA e etetse kwa Kaudwane, ya fitlhela ntlo nngwe ya mogwaafatshe kwa lelwapeng loora Molatlhiwa e agetswe fa tlhoko go supafala e agilwe ke setswerere sa mosadi. Go ne go bonala fa go na le tiro e e faphegileng ka jaana e ne yare re e atumela rre wa lelwapa a tsholetsa lentswe a supa fa bo rre ba sa letlelelwe go tsena mo go yone. 

Mo teng ga ntlo e, go ne go le kgarejwana le ipipile ka kobo le ntse mo moalong mme a bua le rona a sa lebagana le rona, mme e bile go le thata go ka bona sefatlhego sa gagwe ka a ne a ipipile. 

Fa thoko ga gagwe go ne go le mogopo le kopi di bapile le bata e a tlhapelang mo go yone. 

Se se ne sa dira gore re tlale ka boitumelo ka jaana re ne re sa akanye fa go santse go na le bangwe ba setseng thulaganyo ya botsetsi jwa go rafola morago.

Re ne re eletsa thata go itse ka tsamaiso ya thulaganyo e mo ngwaong ya Sesarwa. Mosetsana, o ne a supa fa a rafola. 

Mo ngwaong ya Setswana fa mosetsana a bona setswalo e le lantlha go atwe o a rafola kgotsa wa itlhalefa mme ka jalo o bewa mo ntlong lebaka la beke.

Mosetsana yo, yo o dingwaga di le lesome le bosupa, o ne a tlhalosa fa a bone setswalo santlha ke ka moo a beilweng mo ntlong,  mme ebile a na le dibeke tse pedi a le mo ntlong. 

O ne a tlhalosa gore e ne yare fa setswalo se goroga, jaaka e le tsamaiso a bolelela mmangwaneagwe yo a neng a mmaakanyetsa a mmaya botsetsi ebile a mo ruta tsamaiso yotlhe le gore o tshwanetse a itshole jang.

Mmangwaneagwe mosetsana, Mme Kesego Molatlhiwa o ne a tlhalosa gore mo ngwaong ya bone ngwana fa a itlhalefa o tshwanetse a bolelela mmangwaneagwe pele, mme morago ga go dira jalo mmangwaneagwe o tsaya boikarabelo jwa go mmaya botsetsi a mo direla sengwe le sengwe go fitlhelela a fetsa setswalo mme go emelwe gore kgwedi e tswe ke gone a ntshiwe mo ntlong. 

O tlhalosiste  fa ngwana wa ga mogolowe a feditse setswalo mme a letetse gore kgwedi e tswe ke gone ba ka mo ntshang mo ntlong.

Mme Molatlhiwa o ne a tlhalosa gore botsetsi jwa go rafola, ke thulaganyo e e faphegileng e e meila mentsi. O ne a tlhalosa fa e le ene a apeelang mosetsana mme dijana tse a didirisang a sa di tlhakanele le batho gape di tlhaolwa di bewa fa tlhoko. 

A re ke ene a mo tlhapisang mme ebile o netefatsa gore o tlhapa gabedi ka letsatsi. A re mosetsana ga a tshwanelwa go bonwa ke batho mme ebile ntlo ya botsetsi e sa tsenwe ke borre.

O tlhalositse fa go bewa letlhokwa la bojang fa kgorwanemg mme letlhokwa le le inamela mo teng ga ntlo mme e tlaa re ka letsatsi le mosetsana a tswang mo ntlong ka lone borre ba le tshware ba bo ba ntsha madi mme ke gone ba mmonang. 

A re fa a ntse a na le mosetsana jaana o mo ruta go ikilela le gore a itshware jang. O fiwa molao kgotsa melaetsa ya tlhagiso jaaka go sa tshega le basimane le go sa tlhapa bosigo.

Letsatsi le mosetsana a tswang mo ntlong, makuku o isiwa kwa sekgweng go ya go tshwarisiwa ditlhare bogolo jang tsa dibapalwa nageng e le tsela nngwe ya go di ilela gore di tswelele di ungwe sentle. 

Go tswa foo o isiwa kwa lwapeng kwa a fetang a tshwarisiwa di dirisiwa tsa mo lwapeng jaaka dipitsa, dijana, ke go ne morago a ka gololesegang go apaya. 

Mosetsana o tshwarisiwa didiriswa tse dingwe di tshwana le dikoloi gore e seka yare a le mo go tsone di we ka ene kgotsa di bake kotsi.

A re nako  yotlhe fa mosetsana a santse a beilwe botsetsi, go lalediwa basadibagolo ba ereng fa letsatsi le phirima ba bo ba tla go itlhokotsa ba opela dipina tse e tlaareng letsatsi le a ntshiwang ka lone mo maitseboeng batho ba motse ba lalediwe go tla go ipelela kaloso e.

Legato le la go itlhalefa, ke nako e e botlhokwa mo botshelong jwa ngwana wa mosetsana mo ngwaong ya Setswana. 

Ke nako e ka yone mosetsana a tswang mo bonyaneng kgotsa mo bongwaneng go nna mosadi. 

E nna mosadi ka jaana, fa ngwana wa mosetsana a simolotse go bona setswalo go na le kgonafalo ya gore a ime fa a ka tlhakanela dikobo le rre. Legato le, le tla ka diphetogo mo mmeleng wa ngwana wa mosetsana mme ebile o kgona go tlelwa ke bohutsana jo bo feteletseng le go nna ditlhong fa a lemoga gore o rafotse ka jaana a lemoga fa jaanong a tshwanelwa ke go nna le boikarabelo.

Mo ngwaong ya Setswana meila ya botsetsi jwa go rafola e mentsi mme mengwe ya one ke e e latelang. Mosetsana ga a tshwanela go tlhapa bosigo ka a ka bona setswalo bosigo mme a senye dikobo. Moila o o ne o rotloetsa bophepa mo basetsaneng. 

Mosetsana  ga a sa tshwanela go nna ditilo tsa borre ka go twe o ka ba kgaetsa. Mosetsana yo o motsetsi ga a letlelelwe go ja ka seatla go twe o ka ija a bo a nna seso. 

Borre ga ba letlelelwe go tsena mo ntlong ya botsetsi. Go tsena babei ba botsetsi, bo mme le bana ba bannye fela.  Motsetsi ga a gorise, fa feditse go ja, dijo tse di setseng ga a dijewe ke ope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 16 Oct 2024