Ba Lorolwane ba ngongorega ka boitshwaro jwa baoki
16 Oct 2024
Tona wa Mafatshe a Sele Dr Lemogang Kwape o laetse bagolwane ba setlhopha sa ditirelo tsa botsogo (DHMT) sa kgaolo ya borwa go tlhotlhomisa dipego tsa maitsholo a a fatlhang a baoki ba kokelwana ya Lorolwane.
Fa a bua kwa bokopanong jwa setlhopha seo jwa go isa ditirelo tsa botsogo kwa banning ba motse ka Labobedi, Dr Kwape o laotse gore go batlisisiwe gore a dipego tseo ke boammaaruri mme a fiwe karabo beke e e tlang.
O supile fa dipego tsa gore batho ga ba fiwe thuso ka tsela e e maleba di tshwenya. E ne e rile mo mafokong a bone a go amogela bagolwane ba botsogo ba kgaolo ya borwa, banni ba supa go sa itumeleleng maitsholo a baoki bangwe ba kokelwana ya motse wa bone.
Mo godimo ga go tlhoka go buisa balwetse ka tlotlo, banni ba ne ba supa fa bosheng go nnile le tiragalo e mo go yone mooki mongwe a neng a theogetse mme go lebega a ne a itshietse.
Mme Galasenyana Sapodi o ne a tlhalosa fa botho jwa baoki bangwe kwa motseng oo bo sa kgatlhe, a re ga ba fe balwetse tlotlo e ka setho motho a tshwanetseng go e fa yo mongwe. Monni yoo, o boletse fa ba kgobotlediwa ka dipuo segolo jang fa ba ile kokelwaneng bo setse bo sele.
A re kgang ya gore kokelwana e tswalwa metsotso e masome mararo morago ga nako ya bone maitseboa ga e a nna jalo ka bone ba solofelwa go ya kokelwaneng pele ga nako ya boferabobedi mo mosong.
Mme Gogontle Bogwera o boletse fa mooki a ne a gana go ya go bona ngwana wa gagwe fa a ne a mo isitse kwa kokelwaneng bosigo a tlhalosa mo mogaleng fa go se thuso epe e a ka fetang a mo e fa ka jalo go se botlhokwa gore a ye go bona molwetse.
Mme Aboleleng Basiteng le ene jaaka banni ba bangwe o ne a kopa gore kgang ya go tlhoka go tshwara balwetse sentle ga baoki bangwe ba motse oo e emelwe ka dinao.
Rre Keobakile Phologolo o ne ene a kopela motse koloi e e rwalang balwetse segolo jang bomme ba ba itsholofetseng.
A re ga go gontle gore bomme ba ba mo seemong seo ba ikopele mosepele mo dikoloing tsa beng fa ba tlhoka go latela ditirelo tsa botsogo tse di amanang le boimana kwa mafelong a mangwe jaaka kwa Kanye.
Rre Phologolo a re fa go abela kokelwana ya motse koloi go sa kgonege go akanyediwe gore ba isediwe mooki yo o lebaganeng le ditirelo tsa tsholo le pelegi kwa Lorolwane.
Mongwe wa bagolwane ba botsogo, Mme Boitumelo Laba o ne a tlhalosetsa banni fa badiri ba botsogo ba tlaa bo ba ntsha ditirelo tsa botsogo ka go farologana go fitlha gompieno.
A re ba boloditse letsholo leo la malatsi a mararo go atametsa banni ba Lorolwane ditirelo di akaretsa tsa botsogo jwa legano, itlhatlhobelo mogare wa HIV, loaro la borre, mekento ya bana le tse dingwe.
Fa a akgela mo dipegong tsa banni, mogolwane, Mme Cecilia Ntsime o ne a solofetsa Tona Kwape fa ba tlaa tsibogela kgang eo le go mo fa pego jaaka a laetse. BOKUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : LOROLWANE
Event : Bokopano jwa setlhopha sa ditirelo tsa botsogo (DHMT)
Date : 16 Oct 2024