Breaking News

Bakgatla ba iteela legofi tshimolodiso ya diofisi

14 Oct 2024

Kopo ya go aga diofisi kwa kgotleng kgolo ya Mochudi e atlegile. 

Diofisi tse, tse di tlaa akaretsang  tsa bosekisi di le tharo, ofisi e e tshwarelang diphuthego, diofisi di le lesome le borobabobedi le matlwana a boitiketso tse di tlaa lopang P27.8 million

Mothusa kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o buile se kwa tshomolodisong ya tiro e kwa kgotleng ya Mochudi bosheng, kwa a boletseng fa go le lebaka ba letile mme a supa fa Bakgatla ba ne ba ikagela leobo, a galaletsa botlhe ba ba nnileng le seabe go le aga ka boithaopo.

A re le fa le sa felela, ba tsweletse ka go dira maiteko a go le fetsa.

Fa a simolodisa tiro, Tona wa Papadi le Madirelo, Rre Mmusi Kgafela o boletse fa tshimolodiso ya diofisi tsa kgotla e le phithelelo e kgolo go tokafatsa fa batho ba direlang teng.

A re o itumeletse gore kgaolo ya Kgatleng Bophirima e dirile go le gontsi ka nako ya fa a le mopalamente wa yone, mo dingwageng tse tlhano ka  lenaneo la ditlhabololo la bo lesome le bongwe le ka lenaneo la nakwana la ditlhabololo.

Rre Kgafela a re mo nakong eo, go feditswe dikago tsa ditlhabololo di le mmalwa go akarediwa go baakanngwa ga dikago tsa dikole tse dipotlana kwa Kgomodiatshaba, Khurutshe, Phaphane le tse dingwe. A re ntswa a itse gore leobo ga le a fela, maiteko a go le fetsa a tlaa dirwa.

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Mme Dorcas Tsamai o boletse fa khansele e tsweletse ka ditlhabololo di tshwana le kgopho ya metsi a a leswe, dipone tsa mekgwatha le ditsela tse di tsenang mo motseng.

Mong wa konteraka e e tlaa agang diofisi tsa kgotla, Rre Karabo Mosarwa o boletse fa ba ikaelela go aga diofisi ka madi a ba a neetsweng, le mo nakong e e beilweng.

O boletse fa a ikaelela go thapa bana ba mo gae, le go netefatsa gore ba ithuta sengwe se se tlaa ba thusang fa tiro e sena go wela.

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe o kopile mong wa konteraka go itsese ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le magosi a dikgotlana fa ba hira mo motseng, a bolela fa khiro ya batho ba ba senang ditlankana e direlwa mo pontsheng, go fema dingongorego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Mochudi

Event : Tshimolodiso ya kago ya di office

Date : 14 Oct 2024