Breaking News

Molaodi o rotloetsa dikereke go aba

14 Oct 2024

Molaodi wa kgaolo ya Hukuntsi, mme Veronica Rabakane o gwetlhile dikereke go rotloetsa diphuthego go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

A re go aba ke selo se sentle se le Baebele e se rotloetsang ka go supa mowa wa Modimo.

Mme Rabakane o buile se kwa mogwantong wa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Hukuntsi ka Matlhatso.

Kereke e ne e ipelela matlotlo a kereke gape e le tsela nngwe ya go kokoanya madi go thusa go tlhabolola matlotlo a kereke.

A re motho o ipulela dikgoro tsa ditshegofatso go tswa kwa Modimong ka go aba, mme a tlhalosa fa UCCSA e segile tema go thusa puso mo mhameng wa thuto, botsogo le tse dingwe tse ka tsone ba lekang go thusa go fetola matshelo a batho go nna a a itumedisang.

O supile fa seabe se, se sa tshwanela go itlhokomolosiwa mme a rotloetsa gore ba tsweledise serodumo le go se godisa ka go tshwaragana le dikereke tse dingwe, go ba kgontsha go atolosa dithuso tsa bone mo setshabeng.

Mme Rabakane a re tlhabololo ya dikago e mosola ka e tlaa fa baithuti seriti go na le go tsenela mo dikagong tsa seemo se se sa itumediseng ka go ka nna le ditlamorago tsa go ama maikutlo a baithuti mme ba felele ba sa ntshe maduo a a itumedisang.

Mme Rabakane yo e neng e le mogwanti mogolo, o rotloeditse mogwanto ka P2 000.

Moruti Lerona Seahi o tlhalositse fa moletlo wa go ipelela matlotlo o tshwarwa ngwaga le ngwaga mme ngwaga o e le wa bone o ntse o tshwarwa.

O ne a tlhalosa fa moletlo o, o tshwarwa ke dikereke tsa UCCSA  go ralala Botswana, maikaelelo magolo e le go kokoanya madi a a tlaa thusang go aga dikereke le go tlhabolola dikole tse di welang ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone.

Moruti Seahi o supile fa go tswa goo-lowe, kereke ya London Missionary Society (LMS) e na le seabe mo thutong, botsogo le itsholelo ya lefatshe leno.

A re bontlha bongwe jwa madi a ba a kokoantseng e le diphuthego ka go farologana, a thusa go tlhabolola dikole tseo.

Moruti Seahi o gwetlhile badumedi go tshwaraganela tiro ya go otlolola letsogo go tlhabolola matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

A re tshwaragano ya bone e tlaabo e le seabe sa kereke go ema puso nokeng, go tlhabolola dikitso tsa baithuti le go thusa go fetola matshelo a setshaba.

Mogwanto o ne o tshwere ka setlhogo se se reng: matlotlo a rona, seikgantsho sa rona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Mogwanto

Date : 14 Oct 2024