Breaking News

Bomme ba akgoletswe go bereka mmogo

13 Oct 2024

Bomme ba akgoletswe go bereka mmogo go aga makalana a a nonofileng,  a na le boikarabelo e bile a akaretsa botlhe go thusa go tiisa tekatekano.

Tshwaragano ya bomme e ka tiisa tirisano mmogo e e ka thusang go fokotsa kgokgontsho ya bomme le bana.

Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talitha Monnakgotla o akgotse maiteko a kwa moletlong wa bomme o o neng o rulagantswe ke kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) kwa Metsimotlhabe ka Matlhatso.

A re kereke ke nngwe ya mehama e e tshwanetseng go di goga kwa pele go tsibosa setshaba le go amogela gore kgokgontsho e teng e bile e ka nna le tharabololo fa botlhe ba ka tsaya boikarabelo.

“A go nne le tshwaragano mo dikerekeng le kwa malwapeng, bomme le nne seopo sengwe ka mosadi e le thari ya setshaba,” Mme Monnakgotla a bua.

O akgotse FGAC ka ditiro tse dintle tse e di direlang lefatshe leno, a supa fa tshwaragano ya bone, tlotlo le lerato le ba le abelanang di tlaa ba thusa go tlhabolola matshelo le malwapa a bone.

A re bomme ba tshwanetse go sekaseka gore ba ka kgona eng fa ba ka tswelela ba bereka mmogo,  le go fa botlhe botshelo jo bo nang le seriti.

Mme Monnakgotla a re tumelo e tlhotlheletsa mowa wa boammaruri a rotloetsa kereke go dirisa nonofo e ba e fiwang ke Modimo go bopa setshaba se se nang le boammaruri jo bo ka thusang go lwantsha kgokgontsho.

A re go botlhokwa go itshekatsheka go tlosa tsotlhe tse di ka rotloetsang kgokgontsho ya bong, a bo a rotloetsa bomme go ipopa, go simolodisa mekgatlho go lwantsha dikgwetlho tse di ba kgoreletsang mo botshelong.

Tona wa Itshireletso, Rre Kagiso Mmusi a re o itumeletse se bomme ba FGAC ba se dirileng, a kaya fa e le tshimolodiso ya tse di molemo.

A re puso e tsere maikarabelo go ema bomme nokeng, ke ka moo go nang le ditsetlana tse di sireletsang ditshwanelo tsa setho go itsa gore bomme ba bewe ka fa mosing fa go tla mo go berekeng ditiro tsa puso.

A re bomme ba botlhokwa mo setshabeng ka jalo ba tshwanetseng go sirelediwa mo kgokgontshong ya bong.

“Tswelelang ka go ikisa kwa pele go nna kereke e e ngokang batho go fetola matshelo, mme segolo bogolo le seka la tlogela bana kwa morago ka seo se ka dira gore lefatshe le fetoge,” Tona Mmusi a kgothatsa a bo a akgolela FGAC maiteko a yone a go tshwaragana le puso go lwantsha masula a a aparetseng lefatshe leno ga mmogo le go tla go arogana maele e le bomme. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : Moletlo

Date : 13 Oct 2024