Breaking News

Lephata le bolotsa letsholo go tsosolosa bogwebi

13 Oct 2024

Bogwebi bo ka isa lefatshe leno golo gongwe le go bereka botoka fa bo dirwa ke Motswana mongwe le mongwe kwa a leng teng.

Go netefatsa gore ope ga a salele kwa morago, Lephata la Tlhabololo Dikgwebo le boloditse letsholo go tlhatlhelela Batswana ka dikitso tsa kgwebo.

Tona wa lephata la Tlhabololo Dikgwebo, Rre Karabo Gare o tlhalositse se fa a bula semmuso letsholo leo ka Laboraro kwa Tsabong.

A re go fitlhelela se, lephata le tsisitse ba Citizen Entrepreneurial Development Agency, Botswana Meat Commission, Botswana Agricultural Marketing Board le Local Enterprise Authority, go fa Batswana dithuto le dikgakololo tse di maleba ka bogwebi e le mokwatla wa itsholelo.

Rre Gare a re maikaelelo a lephata ke go thusa go simolodisiwa, go gola le go atolosiwa ga dikgwebo go nna tsa motiya gore di kgone go itshetlela fa di phadisanya le tse dingwe, selo se se ka godisang itsholelo ya lefatshe.

Tona o tlhalositse fa Botswana a tswa kgakala a itebagantse le go godisa bogwebi a re ka 1974 go ne ga dirwa lenaneo la Botswana Enterprise Development Unit, 1982 ga nna le Financial Assistance Policy mme ka 1987 ga nna le Integrated Fuel Services, maneo a otlhe a itebagantse le go godisa bogwebi.

Se se tsweletse, ke ka moo Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a neng a tla ka thulaganyo ya tlhomo ntsha gore lefatshe le kgone go diragatsa maitlamo a ponelopele ya setshaba ya 2036, Rre Gare a tlhalosa.

A re mongwe le mongwe o tshwanetse a ikitaya ka thupana go ntsha maduo fa a leng teng, gore lefatshe le gatele pele, a supa gore fa mongwe le mongwe a ka sala morago lenaneo la tlhomo ntsha, Botswana o ka fithelela ponelopele ya 2036.

Gore lefatshe le goroge koo, Rre Gare a re Batswana ba tshwanetse ba lemoga gore ke eng se ba ntseng ba sa se dire sentle le gore dingwe ditiro tsa puso di ntse di sa dirwe sentle ka jalo ga tlhabololwa tsamaiso ya go di dira go ntsha maduo a a nametsang.

A re go neela Batswana ditirelo le gone, go tshwanetse ga tokafadiwa go nna tsa boleng jo bo kwa godimo.

Rre Gare a re go phadisanya le lefatshe ka bophara ga Motswana yo o mo kgwebong, go tshwanetse ga tlhodumelwa gore Batswana ba kgone go ya golo gongwe.

A re Tautona o ne a tsaya tshwetso ya go kabakanya itsholelo ka go tlhama maphata a a maleba mme la Tlhabololo Dikgwebo e le lengwe la one le simolodisitswe ka 2022.

“Go fitlhelela itsholelo e e kwa godimo, re tshwanetse ra fetola ka fa re dirang dilo ka teng, ra bona gore itsholelo e ikaegile ka mehama e e ikemetseng ka nosi,” Rre Gare a tlhalosa.

A supa fa go tshwanetse ga sekasekwa gore a dithoto tse bagwebi ba di ntshang di isiwa kwa mmarakeng, ke tsa boleng jo bo kwa godimo le gore di atolosiwa jang go sa nne le o pe yo itsholelo e mo tlogelang kwa mahure. 

Rre Gare a re se, se ka diragala fela fa go ka nna le popagano go ntsha maduo mo mehameng yotlhe.

A re lefatshe leno le na le gotlhe mo go ka dirang gore bagwebi ba gole, mme go tlhoka bonatla, botswerere le go ipelega.

Go dirisitswe madi a a fetang P7 million mo kgaolong ya Tsabong go thusa bagwebi ba ba botlana ba le 1 534 ka lenaneo la Chema Chema le ka lone go tlaa diriswiang P500 million lefatshe lotlhe. 

Mo bogompienong go setse go dirisitswe P355 million go thusa bagwebi ba ba botlana.

Rre Gare a re Batswana ga ba ise ba tlhaloganye ka molao wa itsholelo e e akaretseng botlhe (Economic Inclusion Act), mme thuto e tlaa dirwa.

A re lephata la gagwe le butse mmaraka wa ditswa temong ya nosetso mme seo se tlaa netefatsa gore bagwebi ba tsisa dithoto tsa bone ba bo ba duelwa mo sebakeng sa malatsi a matlhano, gore balemi ba nne le dipoelo go lebilwe gore dithoto tsa mofuta oo, di latlhegelwa ke boleng ka bonako.

Mmaraka o, o kwa Gaborone mme o tlaa atolosiwa le lefatshe.

A re lenaneo la Maja a Ikgorosa le fa morui mongwe le mongwe tshono ya go fepa leruo sentle gore barui ba bone maduo a a rileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Letsholo la go tlhatlhelela Batswana ka dikitso tsa kgwebo

Date : 13 Oct 2024