Mosele wa pula o epiwa go sale gale-Kgosi Malope
10 Oct 2024
Kgosi Malope II wa Bangwaketse o rotloetsa morafe go ipaakanyetse letsema, le ntswa go le leuba monongwaga.
Kgosi a re ba itse fa mosele wa pula o epiwa go sale gale. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye ka Laboraro, jaaka a ne a bolotsa letsema.
Kgosi Malope II o kopile morafe go tlhwaafalela go baakanya masimo, bogolo thata go a age fa dikgang tsa leruo le le senyetsang batho di tshwenya mme a kopa barui gore le bone ba haphe leruo lela, go hema ditsheko tsa balemi le barui. O supile go ya kwa masimo.
Kgosi o rotloeditse balemi go inaakanya le mananeo a tshwana Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo gore le bone ba kgone go akola meamuso ya puso. O tlhalositse gore kwadiso ya manyalo e tlaa tswalelwa Morule a le ga tlhano mme a ya go bulelwa Hirikgong a le lesome le botlhano ngwaga o o tlang, a supa fa se se tlaa fa balemi nako ya go ya masimo.
Mo go tse dingwe Kgosi o supile matshwenyego ka dikgang tse di golelang pele tsa bogadi le boswa mme a kopa morafe go ikgolaganya le ba ba maleba fa ba sa tlhaloganye ditsamaiso pele ga ba tsaya ditshwetso, a re se se ka hema dintwa le ditsheko.
O kopile batsadi gore ba fokotse go ikgagapelela boswa jwa bana le go ba rontsha se se ba lebaneng. Go tswa kwa Bathoeng Trust, Rre Prince Chibana o boleletse phuthego gore ba batla go tsosolosa moletlo wa Mmakgodumo Cultural Festival mme a supa fa o tlaa nna ka Matlhatso.
Rre Chibana o kopile morafe go tla ka dipalo tse di kwa godimo go tla go supa ngwao ya bone le go itlosa bodutu. E tlaabo e le ngwaga wa bosupa moletlo oo o tshwarwa mme Rre Chibana o supile fa go tlaabo go na le metshameko ya Setswana gammogo le badiragatsi ba ba farologaneng go natefisa letsatsi.
A re ba Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo ba tlaabo ba le teng go thusa morafe go tsenya dikopo mme a rotloetsa morafe go tla ka bo Omang gore ba kgone go thusiwa. Rre Chibana o supile fa ngwaga o go tlaabo go sa tsenwe ka madi ka gore ba leka go tsosolosa moletlo. BOKUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Oct 2024