Chema Chema o tlodisa melatswana
09 Oct 2024
Banni ba kwa Maralaleng mo kgaolong ya Tsabong ba ba akotseng lenaneo la Chema Chema ba galaleditse puso ka le supa fa le tlaa tokokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone.
Mo puisanong le BOPA Rre John Hengari a re morago ga go utlwa ka lenaneo leo, o ile a ikatumetsa diofisi tsa Local Enterprises Authority (LEA) le Citizen Entrepreneur Development Agency (CEDA) mo Tsabong go tlhaloganya botoka ka lone.
Rre Hengari wa Maralaleng o ne a tlhalosa fa a ne a tsenya kopo ya dikoko tsa nama ka kgwedi ya Phukwi monongwaga tsa P15 000, ka a ne a lemoga fa go sena ope mo motseng yo o gwebang ka tsone.
Rre Hengari wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro (63) o ne a tlhalosa fa morago ga go dira sengwe le sengwe se se neng se tlhokafala gore kopo ya gagwe e atlege, mme a thusiwa ka madi a a kanang ka P9 500 mo sebakeng sa beke tse tharo mo go yone kgwedi ya Phukwi.
A supa fa kwa CEDA ba ne ba mo tlhalosetsa fa madi aa setseng kwa morago e leng P 5 500 a tla dirisiwa go mo rekela didirisiwa di akaretsa didirisiwa tsa ntlwana (Hoko) megopo le tse dingwe ka a ne a kopile P15 000.
O boletse fa e ne ya re morago ga gore mosokela tsebeng wa gagwe o amogele molaetsa wa madi gore a tsene, a ragogela kwa diofising tsa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) go ya go reka dikokwana di le lekgolo ka kgwedi ya Phatwe monongwaga.
Rre Hengari o ne a supa fa mo palong eo go ne ga a swa di le masome a matlhano le bobedi (52), ga sala di le masome a mane le borobabobedi (48), tse a neng a di godisa mme a di tlhabile mo malatsing a mararo bosheng.
O boletse fa kgwebo ya koko ya nama e le bogadi bogaufi thata mo motseng wa bone a supa fa a simolotse go rekisetsa banni ka bongwe ka bongwe mo palong eo ya 48 tse di setseng di rekilwe tsotlhe mo nakong ya gompieno mme di dirile madi aa kanang ka P3 600.
A re go ya ka ditshekatsheko tsa ba ofisi ya Matlhoko a Leruo (Veterinary Services) morago ga go tlhatlhoba dikoko fa di simolola go lwala ba ne ba lemoga fa di ne di amilwe ke bolwetse bongwe jwa dikoko mme ba di kenta selo se se thusitseng thata go boloka matshelo a di le 48.
Rre Hengari o ne a supa fa a setse a bapaditse kgwebo ya gagwe mo madirelong a matona a akaretsa Choppies, Shoppers, le a mangwe jaaka Mokala, Mogatle Resturant le mo dikoleng ka mo nakong ya gompieno a setse a tlhatlhetse dikokwana gape di le lekgolo.
Rre Hengari o ne a supa fa kgwetlho e le tlhaelo ya lefatshe le a direlang mo go lone ka a direla mo lwapeng mme maikaelelo e le go batla lefelo kwa ntle le le phuthologileng.
O ne a supa fa lenaneo la Chema Chema le siametse thata bagwebi ba ba botlana ka morokotso wa lone o le kwa tlase thata le gore bagwebi ba neelwa sebaka sa go itshetlela mo lebakeng la dikgwedi tse tharo go ya pele, seo se laolwa le go farologanngwa ke dikgwebo tse ba di ikopetseng.
Rre Hengari o ne a kgothatsa banni ba Kgaolo ya Tsabong go ema ka dinao mme ba inaakanye le mananeo a Chema Chema, Thuo Letlotlo, Temo Letlotlo le a mangwe go tlhabolola matshelo a bone mme ba ikgatholose dipuo tse di senang boammaruri tsa gore fa ba tsaya Chema Chema ba tlaa tsena mo kgolegelong.
O ne tlatsa ka go supa fa a tswa kgakala ka go akola mananeo a puso ka go le pele a ne a thusitswe ka lenaneo la SHHA la Home Improvement go tokafatsa bonno jwa gagwe.
Mme Keitile Dipheko wa dingwaga tse di masome a matlhano wa motse oo le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Hengari a re fa letsatsi le go tlhabetse o le aramele.
O ne a re o thusitswe ka madi aa kanang ka P5 500 go reka dithoto tsa go rekisa mo mebileng, e a tlhalositseng fa e dira sentle thata.
Mme Dipheko o ne a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle ebile maikaelelo a gagwe e le go e godisa ka go ikopela gape dikoko tsa nama ka lenaneo la Thuo Letlotlo ka a bone lefelo kwa masimong, selo se se tlaa thusang kgwebo ya gagwe go gola ka e tlhoka lefelo le le phuthologileng.
Maiteko a go buisana le ba CEDA le LEA a ne a itaya sefololetse ka bagolwane ba ba maleba ba ne ba seo ka tsa tiro.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MARALALENG
Event : Puisanong
Date : 09 Oct 2024