Marakakgoro o newa tlotla
08 Oct 2024
Seopedi sa moopelo wa Sekeresete Rre Mmereki Marakakgoro, o filwe seetsele sa bommampodi kwa moletlong wa kabo dietsele tsa moopelo oo, o o neng o tshwerwe mo Gaborone bosheng.
Rre Marakakgoro yo o tlhokafetseng ka Moranang ngogola mo kotsing ya tsela, o ne a lebogelwa seabe sa gagwe mo kgolong ya moopelo wa Sekeresete mo Botswana. Ene le bo Phempheretlhe Bafana Pheto, yo o neng a amogela seetsele mo boemong jwa ga Rre Marakakgoro, ke bangwe ba basimolodi ba moopelo o.
Tiro e ntle ya ga Rre Marakakgoro e santse e tlaa akolwa ka dipina di tshwana le Eat Sum More, e mo go yone a neng a tshwantshanya lorato lwa Modimo le dikukisi tse a reng monate wa tsone ke kgogedi e e dirang gore motho a batle go di jela ruri.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dietsele, tona wa Bojanala le Tikologo, Mme Nnaniki Makwinja, o ne a lebogela tiro eo, a gatelela botlhokwa jwa bodiragatsi mo go godiseng itsholelo ya Botswana. O bile a ba tlhagisa ka kgatlhego e e golelang pele ya puso mo bojanaleng jwa tumelo, a bolela fa mhama oo o na le bokgoni jwa go gola.
Mme Makwinja a kgothatsa baopedi ba mmino wa Sekeresete go itshokela diemo, a gatelela gore botswerere jwa bone bo ka phatsimisa matshelo a bone jwa ba jwa thusa mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.
Mongwe wa barulaganyi ba tiro eo, Moruti Joel Keitumele, fa a bua ka thito-kgang ya moletlo, e leng Dipesalema tsa Phodiso, a re o tshepha gore moopelo o o neng o opelwa koo o tlaa tsisa pholo mo go ba ba e tlhokang. O kgothaditse ba ba beilweng letlhokwa go tla ba abelwa dietsele gore ba tlotle tiro ya bone ba bo ba leboge barotloetsi ka tshegetso ya bone.
Mo go ba ba filweng dietsele tse 19 go Shinkie Mochawacha yo o filweng sa Best Gospel Song ka Ke ene Jehova, fa setlhopha sa Thee Daniels se tsere Best Group/Duo ka pina ya Ebenezer. Dondie o nnile le maitiso a a monate ka go gapa dietsele tse pedi di akaretsa Best Gospel Packaged Album ka Jehova Ke a leboga le Best Newcomer ka O ya galalela.
Seetsele sa Best Traditional Gospel Evangelist se neetswe Letso Mphela ka Emelang Jeso.
Tumisang Seleke o tsere seetsele sa Best International Gospel Artiste ka Tulo Ena. Delightful ya ga Ina Blossom’s e ne ya nna yone Best Gospel Album of the Year, e rurifatsa maemo a gagwe mo mererong ya mmino wa Sedumedi.
Boago Fenju le ene o ne a itumela thata ka a gapile Best Contemporary Album le Best Female Gospel Artiste.
Chokie o ne a tlotlwa ka seetsele sa Best Gospel Video ka Tlhompha, fa Earnest Seakgosing a ne a fiwa tlotla ya Best Gospel Producer.
Ounah Keitseope yo o itsegeng ka bokgabane jwa go golola mmino wa tlhwatlhwa, o filwe dietsele tse pedi e leng; Best Male Gospel Artiste le Director Honorary Award.
Seetsele sa Best Legendary Award e ne ya neelwa Mayoress Mochankana go mo lebogela tiro ya gagwe mo moopelong wa Sedumedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA reporter
Location : GABORONE
Event : Kabo dietsele
Date : 08 Oct 2024