Breaking News

Mohumagadi o kgothatsa bomme

07 Oct 2024

Bomme ba rotloeditswe go lemoga nonofo ya bone jaaka dipinagare tse malwapa le setshaba di ikaegileng ka tsone.

Kgothatso e, e ntshitswe ke Mohumagadi wa ga Ngwaketse, Mme Masetsibi Gaseitsiwe jaaka a ne a buisa Pitso ya Bomme e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng ka Labone, ka setlhogo se se reng, Mosadi ke Mokgabo. 

Tiro eo, e e neng e rulagantswe ke badiri ba khansele ya Jwaneng ba bomme, e ne e le go lemoga seabe sa bomme.

Mohumagadi o ne a re bomme ba na  le dineo tse di farologanang le tsa borre, ka jalo go tshwanela gore ba di dirise go dira pharologanyo mo botshelong. 

O ne a ba rotloetsa go lemoga fa bontle jwa bomme e se jwa dipopego fela, mme go le botlhokwa gore ba supe bontle jwa mo dipelong ka go rekegela batho ba bangwe. “Mme ka tlhago ke motho yo o lerato e bile a le kelello, ka jalo bomme a re diriseng dineo tseo go tlhokomela malwapa a rona le go kgothatsa ba bangwe kwa tirong le mo setshabeng,” a tlhalosa.

A ba rotloetsa go boela kwa marakanelong a ditsela go bona gore a boitshwaro jwa bone ke jo bo agang setshaba, jaaka e le tlholego ya motho wa mme. 

Mme Gaseitsiwe a re go botlhokwa gore ba nne ba ikanoka ba bona gore a ka fa ba tshidisanyang ka teng ba a kgothatsana e le bomme kana boitshwaro jwa bone ke jo bo senyang kagiso. 

O ne gape a tlhalosa fa go bereka ka popagano mo ditirong go ka tsisa maduo a mantle le gone go aga botsalano jo bo eletsegang.

Le fa go ntse jalo, Mme Gaseitsiwe o ne a tlhalosa fa kemedi ya bomme mo maemong a a farologanyeng e santse e sa jese diwelang. 

O ne a kgothatsa bomme ba ba itlamileng go tshwara ka natla mo ditirong tsa boeteledipele tse gantsi di tshabelelang borre. 

Mmatoropo wa khansele ya Jwaneng, Mme Olga Ditsie o ne a gakolola badiri bao gore bomme ke batho ba ba dirang pharologanyo gongwe le gongwe fa ba leng teng.

O ne a ba kopa gore ba tlotlomale ba bo ba dire ditiro tsa bone ka botswapelo, go sa kgathalesege gore ba berekela fa kae. “Ke rotloetsa gore mongwe le mongwe wa rona a dire tiro ya gagwe ka manontlhotlho a ba a thuse setshaba ka monyenyo,” ga tlhalosa Mme Ditsie.

O ne gape a supa botlhokwa jwa go tshwaragana le go kgothatsana ga bomme mo ditirong, a re go ka nna motlhofo go fenya dikgwetlho fa ba le seopo sengwe.

E rile a ba baya lefoko pele, Mma Moruti Dimpho Ramono a tlhalosa fa bomme e le dibopiwa tse Modimo a di tshephileng go tshegetsa le go nosetsa malwapa. 

A re dikatlego tsotlhe tsa malwapa di mo maruding a mosadi, ka jalo a ba rotloetsa go lemoga nonofo eo. 

Le fa go ntse jalo, Mme Ramono o ne a kopa bomme go kanoka dipelo tsa bone go netefatsa gore ditiro tsa bone ke tse di kgatlhang leitlho la Modimo. 

A re go le gantsi bomme ba batla go supa bontle jo bo ka kwa ntle mme ba feletse ba sirile jo bo mo teng ga dipelo tsa bone.

A gakolola bomme go ikela tlhoko gore mmaba a seka a ba faposa mo tseleng a dirisa tshakgalo le tse dingwe. BOKHUTLO

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Pitso ya Bomme

Date : 07 Oct 2024