Kgosi Manthe o tlhatlositswe maemo
06 Oct 2024
Kgosi Simon Manthe wa Mmopane o tlhatlositswe maemo go tswa mo go nneng moemela kgosi go nna moemela kgosi yo mogolwane.
Tlhatloso maemo e e bakilwe ke kgolo ya kgaolo ya Mmopane, e e setseng e itshetletse sentle ka jaana dipalo tsa banni di godile.
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, o buile se bosheng mo phuthegong ya kgotla e maikaelelo a yone e neng e le go lekodisa morafe ka tse di amang ditlhabololo tsa kgaolo ya bone ya Mmopane.
Fa a rolela morafe tshwetso e, tona o ne a supa fa ditsamaiso tsotlhe tse di amang bogosi di ne tsa salwa morago.
A supa fa tshwetso e e tserweng ke puso e tlaa hehosa ditlhabololo mo kgaolong le go nolofaletsa banni matshelo ka ditlamelo di ba atametse.
“Ditshwetso tsotlhe tse di tlhokang Kgosi di tlaa tsewa segautshwaneng, ka jaana le tlaa se tsamaye mosepele o moleele go latela ditlamelo kwa Molepolole,” ga bua Tona Autlwetse.
O ne a itsise morafe gore mo nakong e khutshwane kago ya diofisi tsa kgotla e tlaa agiwa ka e le yone sesupo sa maikaelelo le maitlamo a puso a go isa ditlamelo kwa bathong.
A re go nna teng ga diofisi go tlaa dira tiro ya baeteledipele motlhofo ka ba tlaa bo ba na le fa ba berekelang teng.
Tona Autlwetse o ne gape a itsise morafe gore dikatso tsa komiti ya ditlhabololo tsa metse di santse di sekasekwa gore di okediwe mo nakong e e tlang.
Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Letsweletau/Mmopane Mme Nnaniki Makwinja, a re le ntswa go nnile le tiego mo ditlhabololong dingwe mo kgaolong, o leboga puso go bo e ne ya bona go le maleba go tlisetsa banni ba Mmopane dikago tsa sepodise, e le go araba matshwenyego a bone.
Mme Makwinja a lebogela go simolodisiwa ga dikago tsa poso ga mmogo le lefelo la marekisetso, a re seo se tlaa thusa go tlhamela morafe ditiro mo kgaolong.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse wa Mmopane Mme Edith Setlhoka, o ne a akgola maiteko a puso ka ditlhabololo tse di tlileng mo motseng wa bone di akaretsa dikago tsa diofisi tsa sepodise, poso le go dirwa ga ditsela tse di mo gare ga motse.
“Re a itumela ka dikago tsa poso di setse di simolotswe, le rona re tlaa akola ditirelo gaufi,” ga bua Mme Setlhoka.
A re tsholofelo ya bone ke go agelwa sekole se se golwane go fokoletsa baithuti mosepele go ya dikoleng tse dikgolwane.
Modulasetilo a re sekole se se botlana sa Tau-Manthe se ngomola pelo, ka jaana fa baithuti ba rutelwang teng go sa ba siama, a kaya fa dikago tsa sekole di onetse le gone gore bana bangwe ba rutelwa kwa ntle.
Fa a amogelo baeng Kgosi Simon Manthe o ne a leboga morafe wa gagwe go bo o tsene phuthego eo ka dipalo go tla go itseela molaetsa ka tsoo pedi ka jaana merero yotlhe ya ditlhabololo tsa motse e direlwa mo kgotleng.
“Go teng ga lona mo letsatsing leno go supa gore rotlhe re na le keletso ya go fetola selebego sa motse wa rona,” ga bua Kgosi Manthe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MMOPANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Oct 2024