Breaking News

Mapodisi a Gumare a tlhotlhomisa melato

03 Oct 2024

Mapodisi a Gumare a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe wa Etsha 8, mabaphi le molato wa go leka go bolaya.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng Mookamela mapodisi a Gumare Superintendent Chenamo Orateng o boletse  fa mmelaelwa a lekile go bolaya mme wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe wa kgotla ya Mabudutsa kwa Etsha 6 kwa tiragalo e diragaletseng teng.

Supt Orateng a re e ne yare kgwedi ya Lwetse e tlhola masome a mabedi le boferabobedi gare ga bosigo, mongongoregi a utlwa modumo le dintsa di bogola kwa ntle ga ntlo e a neng a robetse mo go yone.

A tsoga mme a lemoga fa ntlo eo e sha, ya re a bula lebati a tswela kwa ntle a bona mmelaelwa yo e leng mokapelo wa gagwe wa pele.

Supt Orateng a re ba sepodisi ba tsweletse ka ditlhotlhomiso mme mmelaelwa o tshegeditswe e bile o tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla la ditsheko kwa Gumare.

O supile fa mmelaelwa a lebanwe ke molato wa go leka go bolaya ka go tshuba ntlo a itse fa mongongoregi a le mo teng e bile go senyegile dithoto tsa madi a a ka tshwarang P35 820.

Mo go e nngwe Supt Orateng o tlhalositse fa mapodisi a Gumare a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro wa kgotla ya Mabudutsa kwa motseng wa Etsha 6 mabapi le molato wa thubetso.

O supile fa mmelaelwa a ne a itisitse le mongongoregi yo o dingwaga tse masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Botshabelo kwa Etsha 6 kwa lefelong lengwe la marekisetso a dino gone mo Etsha 6.

A re ene ya re fa mongongoregi a tswa mo bareng a re o ya lwapeng mmelaelwa a mo gogela kwa jarateng ya gagwe kwa a ileng a itseela dikobo ka dikgoka bosigo ka nako ya lesome le bongwe Tiragalo e diragetse ka kgwedi ya Lwetse e tlhola masome a mabedi le boferabongwe.

Supt Orateng o supile fa mmelaelwa a tla itshupa fa pele ga lekgotla mo Gumare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 03 Oct 2024