Botlhokatsebe jwa baithuti bo ama maduo
02 Oct 2024
Batsadi, ba- na-le-seabe le setshaba ka kakaretso ba gwetlhilwe go ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bana ba bone ka go ba tsenya mo tseleng go ba thusa go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe.
Ditiro tsa botlhokatsebe di tlhoka go tsibogelwa ka di ka senyetsa baithuti bokamoso.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS) Rre Kabelo Mosenke o buile a sa kgale mathe ka boitshwaro jo bo sa jeseng diwelang jwa baithuti ba sekole seo bosheng
A re ba innakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng tse di tsisang kwelotlase ya maduo, a supa fa mo ngwageng ono maduo a ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano a a kwalwang pele (Mock Exam) a le kwa tlase thata, e ne e le 11 percent, selo se a supileng fa go sena tsholofelo epe e e kalo mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang.
Mogokgo o buile se kwa thuto-seka-dipuisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi mo Tsabong, a supa fa dikgwetlho tseo tsa bana di tlhoka tshwaragano ya motia gareng ga barutabana, batsadi, dikgosi, ba lephata la thuto la batsaya karolo ba bangwe go ema nokeng bana le go ba gakolola go tlhwaafalela thuto ka e le bokamoso.
A re batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo le go nna le seabe mo go ageng le go bopa baithuti mo sekoleng, ka seo se ka ba thusa go ikgapha mo botlhokeng tsebe jo bo feteletseng mo sekoleng seo, bo akaretsa tshenyo ya dithoto tsa puso jaaka go kgaola tereta ya sekole le tse dingwe.
A fa sekai ka sekole sa Matsha College kwa Kang gore se ne se di goga kwa pele ka baithuti ba ba senang tsebe le maduo a a kwa tlase, mme seemo sa fetoga ka tirisanommogo le tshwaragano ya boeteledipele le barutabana.
Rre Mosenke a re boeteledipele jwa motse, barutabana le ba-na-le-seabe ba ne ba ema ka dinao go fetola seemo, mme sekole seo mo nakong eno se dira bontle thata selo se batsadi ba kgaolo ya Tsabong ba ka kotobolotsang mo go bone ka go tswa ka ditharabololo tse di maleba.
Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi Rre Fani Tumaeletse o ne a re batsadi bangwe go na le gore ba gakolole le go kgalemela bana ba felela ba ba gogela mo thaelong, ka ba ba roma go ba rekisetsa ditagi mme morago ba iphitlhela ba inaakantse le tiriso ya tsone.
Rre Tumaeletse yo gape e leng kgosana kwa McCathy’s Rust o ne a gwetlha dikomiti tse di farologanyeng tse di mo metseng e e supa e e okametsweng ke Tsabong Police go emela seemo sa baithuti ba sekole sa TUSS ka dinao ka go ipopa ditlhotshwana go thusa go bepisa seemo seo ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.
Constable Lesego Villander a direla mo lekalaneng la bong le pabalelesego ya bana o ne a re dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase di a tshwenya ka di felela di baka boimana bogolo jang fa dikole di tswetswe.
A re batsadi bangwe ga ba bege dingwe tsa dikgetsi tse ka ntlha ya go batla go ja.
A re ditlamorago tsa teng di akaretsa go phuaganngwa ga bana ka bana bao ba sa kgone bana ka ba tshotse ba sa le bannye.
A gwetlha borre go emisa mokgwa oo ka ba felela ba senyetsa basetsanyana bokamoso ka ba felela ba sa nne le kgatlhego ya go tsweledisa dithuto, selo se se amang , matshelo a bone le bana ba bone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo Kgalagadi Mme Tebogo Ramodikwana o iteetse moroko dikgang tsa go sa tsena sekole ka fa go tshwanetseng ka teng, a tlhalosa fa se, se ama dikole tse di kgolwane mo kgaolong go akaretswa TUSS, Tapologo kwa Werda le Kgolagano kwa Middlepits seemo se se seong kwa dikoleng tse di potalana.
O boletse fa gantsi baithuti bao ba dirisa matlotla go dira ditiro tsa botlhoka tsebe mo go one le gone go iphitlha mme a gwetlha batsadi go tlhokomela le go tsaya boikarabelo go tlhomamisa gore ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo ka go ba aga le go ba bopa ba santse ba le bannye.
O ne a gakolola batsadi go nna le botsalano le bana ba bone gore ba phuthologile go arogana le bone ka tse di ba tshwenyang, eseng go swela mo teng mo ba felelang ba tsaya ditshwetso tse di duleng mo tseleng ka ntlha ya go tlhoka bogakolodi jo bo lolameng.
Fa a tswa la gagwe modiri go tswa kwa BOSASNET Mme Ogaufi Seakgo a supa fa lekalana la bone le sidila maikutlo le go ruta banana le bagolo ka bodiphatsa jwa dinotagi le metsoko go simolola fela kwa dikoleng tse di potlana, tse di kgolwane le setshaba ka kakaretso.
O ne a supa fa go nwa phetelela le tiriso ya ditagi go ama maduo a bana kwa dikoleng le babereki kwa ditirong mme seo se tshwanelwa ke go potlakelwa ka go tsaya dikgato tse di maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : thuto-seka-dipuisanong
Date : 02 Oct 2024