Breaking News

Ba dikotsekara tsa ditonki ba rutiwa ka ipabalelo tseleng

01 Oct 2024

Komiti ya ipabalelo tseleng ya Kanye e rotloeditse bakgweetsi ba dikotsekara tsa ditonki kwa Selokolela go ipabalela mo tseleng go hema dikotsi.

Mogokaganya ditiro tsa ipabalelo tseleng wa komiti, Mme Neo Walesedi o ba gakolotse bosheng kwa motseng oo fa go ne go rutuntshiwa bakgweetsi ba dikotsekara gore fela jaaka bakgweetsi ba dikoloi le bone ba na le tse di solofetsweng mo go bone.

A re fela jaaka koloi, sekotsekara e tshwanetse ya bo e itekanetse pele e tsena mo tseleng, go tlhomamisa pabalesego ya modirisi wa yone.

Mme Walesedi a re bakgweetsi ba tshwanetse ba rurifatsa fa dikotsekara di na le mebala e e galalelang gore ba bonwe ke badirisi ba bangwe ba tsela (reflectors) le gore dithaere di mo seemong se se siameng.

A re go tsenya sekotsekara dithaere tse di tlhobogilweng ke badirisi ba dikoloi ga o a siama mme ba ba dirang jalo ba tshwanetse ba emise.

Lepodisi la pharakano go tswa kwa ofising ya sepodisi ya Sejelo kwa Kanye Superintendent Lovemore Ntuluki a re komiti e tlhophile Selokolela ka go lemoga fa tiriso ya dikotsekara e atile teng.

A re le fa ba ise ba itemogele dikotsi dipe tse di kalo tse di amang dikotsekara, go botlhokwa gore go dirwe gotlhe mo go ka kgonegang go thibela kgolo ya dikotsi.

Jaaka Mme Walesedi, Supt Ntuluki a re dikotsekara di tshwanetse tsa bo di itekanetse, ga mmogo le ene mokgweetsi.

Supt Ntuluki a re sekotsekara e tshwanetse ya nna le lebone ka fa letsogong la moja kwa pele le go tsenngwa mebala e e galalelalng (reflectors) kwa morago.

Leloko le lengwe la komiti, Rre Andrew Paledi go tswa kwa lephateng la dipagamo le ipabalelo tseleng, o supile fa tiriso e e babalesegileng ya dikotsekara e le botlhokwa.

A re go pegwa ga dithoto le gone go tshwanetse ga dirwa ka tsela e e sa beyeng bapagami mo diphatseng.

Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa ba itumeletse dithuto tseo mme e bile ba tlaa di tshegetsa go ya pele.

Rre Kenosi Simanyana o supile matshwenyego ka go sotlwa ga ditonki ke bakgweetsi bangwe ba dikotsekara, a re bangwe ba itaya ditonki mo go setlhogo mme a gwetlha ba ba dirang jalo go rata ditonki tsa bone le go lemoga fa e le tsone di tshegeditseng matshelo a bone.

Rre Kebenne Tolo le ene o kopile bakgweetsi ka ene go tlhokomela ditonki tsa tsone. A re go a swabisa gore e re di ba belege mo go kalo, ee ba bo ba di dirisa ka lesotlo.

Rre Peter Leero o ne o ikuetse mo komiting go ruta sekotsekara ya maotwana a mabedi, a tlhalosa fa e sa babalesega e bile e ka baka dikgobalo tse di masisi le dintsho tota fa e ka amega mo kotsing.

Morago ga dithuto tseo, bakgweetsi ba dikotsekara ba ne ba abelwa kapari ya mebala e e galalelang gore ba bonale botoka bogolo jang bosigo.

Dikotsekara tsa bone di ne tsa tsenngwa mebala eo, e le tsela nngwe ya go tokafatsa go bonwa motlhofo ga tsone ke badirisi ba bangwe ba tsela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : SELOKOLELA

Event : Thuto

Date : 01 Oct 2024