Breaking News

Boikarabelo jwa batsadi konokono mo kgodisong ya bana

26 Sep 2024

Malwapa a tshwanetse go batla ditsela tse di siameng tse ba ka godisang bana sentle ka tsone gore ba tshele ka boitumelo le botsogo jo bo ntle.

Ka jalo, go botlhokwa gore malwapa a itse matshenyego a a amang bana ba bone le go tshwaragana, go tswa ka metlhale e e ka agang le go netefatsa gore bana ba tshelela mo tikologong e e itshetletseng e bile e babalesegile.

Mogolwane wa Legal Aid Botswana kwa Tsabong, Rre Keene Manyothwane o kgothaditse batsadi  bosheng mo thuto se-ka-dipuisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi kwa Tsabong morago ga go lemoga dikgang tse duleng mo tseleng tse di amang baithuti bogolo jang ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS).

Rre Manyothwane a re Legal Aid Botswana e rotloetsa kgodiso e e amogelesegang ya bana e bile batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo go tlhomamisa gore ditshwanelo tsa bana di a diragadiwa ka fa go tshwanetseng.

A re molao o o sireletsang bana o supa gore tlhokomelo le tshireletso ya bana e mo maruding a batsadi, mme batsadi ba ka atlholwa kana ba tsena toronko fa ba itlhokomolosa boikarabelo jwa bone. 

A ba gakolola go nna le batsalano le bana gore ba kgone go phuthuloga go bua ka tse di ba tshwenyang.

Assistant Superintendent Johnson Gaolaolwe a re maikaelel a bokopano e ne e le go tla go buisana le batsadi ka dikgang tse di ba tshwenyang e le mapodisi, bogolo jang tsa sekole sa TUSS. 

A re kgapetsakgapetsa ba begelwa dikgang tsa baithuti ba ba lofang mo dikoleng mme batsadi ba sa tseye kgato. 

Asst Supt Gaolaolwe a re ba amogela dikgang tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase, bangwe ba imisiwa ke bagolo mme morago ba ipone phoso seo se bo se baka gore a iikgatholose ngwana. 

A re ga ba robatswe ke baithuti ba ba inaakantseng le metsoko, metokwane, ditagi mo ba felelang ba ngokela ba bangwe mo setlhopheng sa bone.

Kgosi David Toto ll wa Tsabong o ne a supa fa bana e le baeteledipele ba ka moso mme ba tshwanelwa ke go godisiwa sentle ka go tlhokomelwa le go dibelwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : Tsabong

Event : Thuto se-ka-dipuisano

Date : 26 Sep 2024