Breaking News

FGAC e akgolelwa motheo o o nonofileng

02 Sep 2024

Kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) e akgoletswe popagano, boikarabelo le tshwaragano fa e sale e tlhaiwa ka 1947.

Le morago ga go tlhokafala ga mothei wa yone ka 1998 ba setse ka mowa oo, le mohumagadi wa gagwe, Archbishop Norah Modikwa.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Motlotlegi Kgotla Autlwetse o buile se fa a bula bokopano jwa FGAC jwa ngwaga le ngwaga ka Matlhatso kwa Mokobeng.

A re kereke e ipela ka ditso le motheo o o tsepameng fa e sale e tlhongwa ke Archbishop Onkutule Modikwa.

Tona a re ba le bantsi fa ba eteletse tshaba pele e a thubega ka ntlha ya maitsholo le tsamaiso e e sa siamang.

 A re FGAC ke sekao, ka jaana puso e itemogela dilo tse di fatlhang jaaka go ntsifala, go thubega ga dikereke, go gopela  madi mo bathong ga dikereke tse di sa tlhapang le go goga leina la Modimo mo seretseng.

Tona a re malatsi ano kereke e iphitlhela e le mo mathateng e palelwa ke go dibela batho fa ba le mo mathateng ka go gomotsa, go aga le go mo go tlhabololeng motho, malapa le lefatshe jaaka pele.

A re setlhogo sa bokopano jo se se reng; Walking Together the Godly Righteous Path : Peace is Eminent Through the Mindset Change, se maleba ka se supa gore ba tsere ka tlhamalalo molaetsa wa ga Motlotlegi Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi wa A re chencheng.

A leboga tebelopele ya bogogi jwa kereke  go tsaya karolo ba tshwaragane le puso mo thutuntshong ya setshaba ka maitlamo le maikano a puso.

Rre Autlwetse a re se ke motheo wa Botswana o mosha wa Reset Agenda go fetola maikutlo dikakanyo le boitsholo.

A re seelo sa Tebelopele ya lefatshe leno ya 2036 mo letshegong la bobedi la tlhabololo ya motho le tikologo ya gagwe mo godimo ga moo le tswelela le supa gore tumelo ke yone boremelelo jwa go aga le go bopaganya setshaba..

Modulasetilo wa komiti kgolo Reverend Enos Matsoma o ne a tlhalosa fa ba ipelela dingwaga tse di masome a supa le botlhano.

A re FGAC e na le makalana a le 153 lefatshe leno ka bophara, Afrika Borwa le Namibia ntlo kgolo e le kwa Ratholo mo Botswana.

Rev. Matsoma a re FGAC e dira go le gontsi mo go ageng setshaba le go ntsha banana mo mekgwatheng go ba kgapha mo ditirong tsa botlhokatsebe.

A re le mororo kereke ya bone e godile ba itemogela letlhoko la ditsha tsa dikereke lefatshe ka bophara, a kopa tona gore a ba isetse selelo se sa bone kwa go ba ba lebaneng.

Mookamedi wa FGAC, Archbishop Norah Modikwa o ne leboga tona go bo a kgonne go tla go ba ema nokeng ka go bula bokopano jwa bone.

Archbishop Modikwa a re mosepele o moleele o ba o tsamaileng mme ba kgonne ka ketelelopele ya Modimo.

A re ga go bonolo go etelela tshaba e e kana e bile e le mme a tlhalosa gore o kgona ka gore o na le ofisi e e nonofile e e tshwaraganyeng, ka dikomiti tse di farologanyeng le bogogi jwa kereke. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mokobeng

Event : Bokopano

Date : 02 Sep 2024