MalelejweTshwaane o tlaa bewa Motse
02 Sep 2024
Malelejwe/Tshwaane mo kgaolong ya Nata/Gweta e tlaare mo bogaufing a fetolwe go nna motse o o beilweng semmuso.
Se se builwe ke Motlotlegi Mothusa Tona wa Magae le Ditlhabololo tsa metse Mme Talitha Monnakgotla bosheng kwa Malelejwe.
Mothusa Tona o boletse se, morago ga modulasetilo wa khansele ya Tutume a sena go supa fa khansele e dirile ditsamaiso tsotlhe tse di lebanyeng go rurifatsa gore Malelejwe o mo seemong se se siameng le dipalo tsa bone di a letla go ka bewa motse.
Mme Monnakgotla o ne a gakolola banni go bopagana le go simolola go direla motse wa bone ditlhabololo, a ba rotloetsa go tsaya mananeo a puso a tshwana le Chema Chema go godisa dikgwebo tsa bone ka le di na le seabe se segolo mo go goleng ga motse.
O ne a tswelela ka go ba kgothatsa gore ba seka ba fudugela kwa metseng kgotsa toropong ya Sowa e ba bapileng le yone, ba re ba latela ditlamelo, a re seo se ka dia kgolo ya motse wa bone le gone go ngoka babeeletsi ba ba ka tlisang ditlhabololo tse dingwe tsa go tshwana le madirelo a mabentlele a a ka ba tlhamelang ditiro.
Mothusa tona o ne a re mo bogaufing lephata la gagwe le tlaabo le simolodisa Ipelegeng e e tlhabolotsweng e ba tlaa bong ba tshwaragane le Botswana National Productivity Centre (BNPC) ga mmogo le Construction Industry Trust Fund (CITF) e le nngwe tsela ya go rutuntsha babereki ba Ipelegeng gore e re ba sena go aloga mo ithuthuntshong ba kgone go ya go batla ditiro.
O kgothaditse banana go tsaya karolo mo mmabontleng wa Miss Rural Areas Development Programme (RADP) ka jaana go ba fa sebaka sa go ya go phadisana le balekane ba bone e le nngwe tsela ya gore le bone ba supe bokgoni jwa bone le ntswa ba tswa kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.
A re mo bogaufing bafenyi ba ngwaga o o fitileng ba tlaa bo ba ya go emela lefatshe leno kwa dikgaisanong kwa Vietnam.
Se, a re se dirile bana bao motlotlo le go nna sekao mo go ba bangwe gore ga gona sepe se se palang fa motho a na le maikaelelo a go atlega le ntswa a tswa kwa go leng kgakala le ditlamelo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Gasemotho Maoto o kopile gore ba agelwe sekole se se botlana ka gore thulaganyo ya gore bana le ba ba simololang sekole(reception) kgotsa lokwalo la ntlha ba kgaogane le bone ba ye go nna kwa sekoleng kwa go senang tlhokomelo ya batsadi selo se se sa ba tshidiseng sentle, ka bana ba felela ba tshaba sekolo ba boela gae.
Mme Maoto o ne a tlhalosa gore thulaganyo e, e na le seabe se setona mo go sa direng sentle ga bana mo dithutong ka ba isiwa kwa dikoleng tsa Makongwa kwa Nata kgotsa kwa Maposa.
Seo, a re bontsi jwa batsadi ka mabaka a letlhoko ba palelwa ke go ya go tlhola tiro ya bana ba bone kwa sekoleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goitseone Williams-Madzonga
Location : Malelejwe
Event : Phuthego ya khansele
Date : 02 Sep 2024