Breaking News

Bongaka jwa setso ga bo fele boleng

02 Sep 2024

Dingaka tsa setso di rotloeditswe go dirisana le dingaka tsa sekgoa go thusana go hema le go ithuta ka malwetse ka go farologana. 

Go dira jalo go botlhokwa ka bongaka jwa setso bo tlhalositswe e le kalafi e e sa bolong go nna teng pele ga dikokelo.

Mogokaganyi wa tsa botsogo mo kgaolong ya Borwa, Rre Conrad Ntsuape o buile se a tswala thuto puisanyo ya beke ya go ipelela bongaka jwa setso le go lemoga seabe sa jone mo Aferika.

Moletlo wa monongwaga o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Beeletsa mo Bongakeng jwa Setso gore Botlhe ba Kgone go Fitlhelela Kalafi.

Rre Ntsuape o supile fa setlhogo se se le maleba ka gore tirisanyo le kgolagano ya dingaka e ka thusa go tokafatsa seemo sa botsogo mo lefatsheng ka bophara.

O tlhalositse gape gore dingaka tsa setso di tlaa thusiwa ka ditlamelo di tshwana le diatlana le dibipa melomo gore ba kgone go itshireletsa le balwetse.

O ne tswelela ka go kopa dingaka tsa setso go somarela tiro ya tsone le go e tlotla gore e tle e nne le boleng, gore batho le bone ba kgone go ba amogela.

Fa a tswa la gagwe, mooki mogolo, Mme Margaret Mapiki o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi e ne e le go nonotsha tirisanyo mmogo mo go ba botsogo le dingaka tsa setso.

O ne a supa fa ba ne ba itebagantse thata le kanamo ya malwetse, tiriso ya melemo le gone go romela balwetse kwa go ba bangwe go thusiwa botoka.

Mme Mapiki o supile gore ba ne gape ba ruta dingaka tsa setso ka malwetse ka kakaretso gore ba tle ba tshwaraganele le bone go a lwantsha.

A re maikaelelo gape e ne e le go tsibosa setshaba ka bongaka jwa setso gore se kgone go bo leba ka leitlho le le farologanyeng se sa bo nyenye.

Dingaka tsa setso di ne gape tsa rotloediwa go isa melemo ya tsone kwa madirelong a ditshekatsheko gore e nne le boleng.

Moeteledipele wa lekgotla la dingaka, Rre Outlule Thebe o ne a akgola bokopano jwa bone le ba sekgoa, a gatelela gore selo seo se supa gore jaanong bongaka jwa setso bo a lemogwa.

Rre Thebe a re maikaelelo a bone ke go bona motho a itekanetse mo botsogong, ka jalo a gwetlha dingaka tse dingwe go ya go ikwadisa kwa lekgotleng la bone gore ba kgone go fiwa diteseletso tsa go tlhatlhoba le go alafa.

O tlhalositse gore lekgotla la bone le le bidiwang Baalafi le kwadisitswe semmuso ka 2015, maikaelelo a lone e le go rurifatsa gore dingaka di bereka sentle le batho.

O ne a leboga puso go bo e bone go le maleba gore go nne le tomagano ya kalafi ya sekgoa le ya Setswana a bo a rurifatsa fa molemo wa setso o sa fele boleng.

Mo go tse dingwe mogokaganyi wa tsa botsogo o ne a tsibosa morafe ka leroborobo la letshololo mo kgaolong, a supa fa dipalo di tsholetsega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Kanye

Event : Thuto puisanyo

Date : 02 Sep 2024