Phokoje go tshela yo o dithetsenyane
01 Sep 2024
Fa motswana a ne a re phokoje go tshela yo o dithetsenyane, o ne a opile kgomo lenaka a lebile ka fa bagwebi ba ba botlana ba tsweletseng ka go fetola ka fa ba dirang kgwebo ya bone ka teng gore e ba tswele maduo.
Seo se itshupile mo toropong ya Selebi Phikwe ka e ne ya re Tautona a sena go ntsha mokgosi wa letsholo la go fetola dikakanyo, Mme Uyapo Monyatsi wa dingwaga tse di masome matlhano le botlhano a tlholega kwa Serowe, mme e le mongwe wa bagwebi ba ba botlana yoo rekisetsang mo toropong, a nna kwa pele go fetola ka fa a ntseng a tsamaisa kgwebo ya gagwe ka teng.
Ka gotwe nonyane ya motsogapele e ja seboko se se nonneng, Mme Monyatsi ke mongwe wa bagwebi ba ba tsogang makuku go inaakanya le babereki gore a kgone a rekise bagwebi ba bangwe ba ise ba goroge.
“Fa o phakelela go bereka, o tlhola o bereka ka matlhagatlhaga go na le motho yo simololang tiro ya gagwe letsatsi le setse le kua,” ga tlhalosa jalo Mme Monyatsi a bua a ntsha monyenyo sefatlhego sa gagwe se apere boitumelo e bile a bua ka botho.
O ne a gatelela ka botlhokwa jwa bophepa, a re o simolola pele ka go phepafatsa fa a direlang teng mme a beye diaparo tsa gagwe sentle ka maemo a kwa godimo go kgatlhisa leitlho la moreki.
A re go itlhokomela le gone go botlhokwa, a re o phakela a ipaakanya fela jaaka batho ba ba berekang ntswa ene a ipereka.
Jaaka mogwebi yo itshetsang ka go rekisa diaparo, Mme Monyatsi o simolotse a reka diaparo di le dintsi a tsaya gore o tla kgona go bona dipoelo mme a lemoga fa go sa mmerekele, ka jalo a fetola seo ka go reka diaparo a lebile dipaka le gore batho ba rata diaparo dife thata.
A re go dira jalo go ne ga mmerekela fela thata mo a ileng a kgona go bona dipoelo tse di botoka go feta jaaka go ne go ntse pele.
Mo godimo ga go rekisa diaparo, o ne a bona go le botoka gore a tswakanye kgwebo ya gagwe ka go rekisa dilekere le airtime.
A re kgwebo ya gagwe ke yone e mo tshedisang ka go duela boroko, go ithekela dijo, go reka tse a di tlhokang go di rekisa le go tlhokomela ba lelwapa la gagwe.
A re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, kgwebo ya gagwe ena le dikgwetlho ka jaana go na le nako e theko e nnang kwa tlase mme go na le gore a rwale matsogo mo tlhogong o tswa ka maano a mangwe a go batla se se ka mo tsenyetsang madi fa kgwebo ya gagwe e santse e le kwa tlase.
Go garela mafoko a gagwe, Mme Monyatsi o ne a tlhalosa fa a eletsa gore e re mo nakong e e tlang kgwebo ya gagwe e bo e godile a kgona go tlhamela ba bangwe mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 01 Sep 2024