Dikereke di rapela kgatlhanong le masula
01 Sep 2024
Dikereke ka go farologana, ga mmogo le banni ba toropo ya Selebi Phikwe, di ne di kopane ka Labone go rapela kgatlhanong le masula a a diragalang mo toropong eo le lefatshe ka bophara.
Merapelo e ne e itebagantse le go rapelelala pula, kgokgontsho mo malwapeng, malwetse, dikotsi tsa tsela, itsholelo ya lefatshe le ditlhopho tsa lefatshe tse di tlang.
Dithapelo tse di ne di rulagantswe ke motlotlegi mothusa tona wa Papadi le Madirelo Mme Beauty Manake, se e le tswelediso ya merapelo e e neng ya simololwa ke bomme ba mapalamente a lefatshe leno ngwaga o o fetileng go itebaganya le masula a a diragalang mo toropong ya Selebi Phikwe.
Mme Manake o tlhalositse fa diemo tse dingwe e se tse motho a ka di kgonang kwa ntle ga go kopa botlhale kwa Modimong mme ka jalo, thapelo e le nngwe tsela ya go romela molaetsa kwa setshabeng.
O ne a tlhalosa fa metlha ya gompieno e tlhoka poifo Modimo e e tseneletseng ka jalo go tlhoka setshaba le dikereke go tshwaragana go lwantsha borukhutlhi le diemo tsotlhe ka go farologana tse di kgoreletsang botshelo jwa motho.
Gape o tlhalositse fa puso e tsaya dikereke ka tlhwaafalo ka dina le bokgoni jwa go fetola diemo tse di thata.
Mme Manake o tlhalositse fa puso e itse ka letlhoko la ditsha tsa dikereke mme a tlhalosa fa maiteko a dirwa go re ba kgone go thusiwa.
O ne a tlhalosa go re ka ntlha ya letlhoko la madi, dikereke dingwe di sa le di neetswe ditsha mme le gompieno ba palelwa ke go di tlhabolola.
Kwa bokhutlong jwa merapelo, o ne a abela dikereke di le thataro phelehu nngwe le nngwe ya tsone go ya go itshimolodisetsa kgwebo, se e le go rotloetsa gore kereke e nne le se se ka ba direlang letseno.
O rotloeditse dikereke go inaakanya le mananeo a tshwana le la Thuo Letlotlo le la Chema Chema go ipulela dikgwebo.
Thulaganyo ya go aba diphelehu e ne ya dirwa ka mokgwa wa khupelekhupele ka dikereke di ne di le dintsi mme ba ba neng ba nna lesego ke kereke ya Fruit Of Life, New Holly, Messiah, Unity Church, United Congregation Church Of Southern Africa (UCCSA) le Halleluyah.
Le fa go ntse jalo tse di neng tsa seka tsa kgona go ikgapela diphelehu di ne tsa neelwa madi a a kana ka P1000 kereke nngwe le nngwe.
E rile a tswa la gagwe kgosi ya Kagiso, Kgosi Molosiwa Molosiwa o ne a leboga dikereke go bo di ne tsa utlwa pitso mme tsa tla mmogo go isa dilelo tsa bone kwa Modimong.
O kopile ba–na-le seabe botlhe go tshwaragana go emela dikgang tse ka dinao ka di felela di ama bana ba e leng bone ba gogi ba kamoso.
O ne a re se ke mathata a a sa tshwanelang go ikgatholosiwa.
Kwa bofelong o ne a leboga ba ba neng ba bona go le maleba go tswa ka thulaganyo e, a tlhalosa fa nako tse dingwe boitshwaro jo bo sa siamang bo tlhoka fela gore motho a bo a ka utlwa lefoko la Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Merapelo
Date : 01 Sep 2024