Breaking News

Trans e akgolelwa tlhamo ya mebereko

01 Sep 2024

Kgosi Motlhatswi Pule wa Old Naledi mo Gaborone o akgotse bagolwane ba marekisetso a Trans Cash & Carry go bo ba tsweletse ka go tlhamela Batswana diphatlha tsa mebereko.

O buile jalo ka Labotlhano jaaka go ne go bulwa marekisetso a Trans a a mo Gaborone morago ga gore a tswalwe ka nakwana a tlhabololwa.

A re banana le bagolo ba le makgolo a mararo ba filwe ditiro tsa sennela ruri gone mo marekisetsong ao mme bontsi go supa fa e le banni ba Old Naledi le mafelo a mangwe a a mabapi.

Kgosi Pule o supile fa seo e le kgatelopele e e kgatlhisang ebile e nametsa ka jaana e lwantsha tlhaelo ya metswedi ya ditiro, seemo se a supileng fa se pateletsa bangwe go tshela ka lehuma.

A re tlhamo ya diphatlha tsa mebereko e tlaa tswelela e tsosolosa seriti sa ba le bantsi. 

Kgosi Pule o rotloeditse botlhe ba ba sego go dira kwa marekisetsong ao go tshwara ka thata le gone go supa bothakga le botswerere mo go tse ba di dirang di amana le tiro tsa bone, a re seo se tlaa tswelela se baka kgolo ya marekisetso ao lefatshe ka bophara.

Mogolwane wa Trans Group Rre Manhar Mooney, yo e bileng e le ene motlhami wa Trans Cash & Carry a re e re ntswa go ne go se bonolo go simolodisa kgwebo ka mabaka a dipoelo tse di ko tlase, boitshoko le go eletsa go tlisa tlhabololo go mo file moko wa go tswelela go fitlha mo nakong eno.

A re Trans e godile ka jaana Batswana ba mo eme nokeng ka go reka dithoto ka go farologana gone mo madirelong ao.

O solofeditse fa a tlaa dira ka gotlhe go dirisa dipoelo tsa marekisetso go thusa go tlhabolola matshelo a batho mo gae. O boletse gore bontlha bongwe jwa dipoelo bo dirisitswe go aga kokelo ya maemo a ntlha e bile gape e na le letlhakore la pelegi kwa Gasita.

A re dingwe ditiro tse di dirilweng ka dipoelo tsa marekisetso ao, ke go thusa bangwe bana ba dikolo ka tse di tlhokegang mo dithutong tsa bone le gone go thusa ba ba dikobo di khutshwane mo mafelong a a farologaneng. 

Trans Cash n Carry e butswe ka ngwaga wa 1970, e le lengwe la marekisetso a ntlha mo lefatsheng, mme a setse a godile e bile a itshetletse lefatshe ka bophara mo le nang le makalana a le masome a mabedi le bone lefatshe ka bophara. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Gaborone

Event : Pulo ya Lebenkele

Date : 01 Sep 2024