Breaking News

Borre babedi le mme ba tlhokafetse

01 Sep 2024

Mothusa mookamela mapodise, Superintendent Joseph Lepodise o rurifaditse fa go tlhokafetse borre ba le babedi le mme mo kotsing ya go nwela ga mokoro mo nokeng ya Thamalakane kwa Maun ka Matlhatso.

Rre Lepodise a re borre bao, ba go tlhomamisitsweng fa ba tswa mo lwapeng le le lengwe ba tlholega kwa kgotleng ya Boseja fa moswi wa mme e ne a tlholega kwa kgotleng ya Shashe mo Maun.

Rre Lepodise o rurifaditse seo mo potsolosong a supa fa ba tlhotlhomisa tiragalo e e masisi ya go nwela ga mokoro o o neng o pegile batho ba le supa, go akaretsa le mokgweetsi, ba ba neng ba iphokisa phefo.

A re ba le bane ba ne ba kgona go iphalotsa morago ga gore mokoro o ba neng ba o palame o menoge.

A re ba amogetse pego ka nako ya boraro mo tshokologong ka mongwe yo o boneng tiragalo eo mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo go bapa le borogo jwa Matlapana mme ka thuso ya ba sesole ba ne ba kgona go batla mokoro oo ba bo ba kgona go ntsha bao ba ba neng ba nwetse.

O boletse fa ba ne ba ba ragosediwa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa ba tlhokafetse.

A re baswi botlhe go lebega e le ba dingwaga tse di magare ga lesome le bone go ya kwa masome a mabedi le bongwe.

O tlhalositse fa mapodise ba ne ba kgona go tshwara mokgweetsi wa mokoro morago ga gore a ineye naga morago ga kotsi, mme a ba thusa mo ditlhotlhomisong.

Superintedent Lepodise o ikuetse mo morafeng go ikela tlhoko jaaka noka e tsweletse e tshela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 01 Sep 2024