Breaking News

Moshupa o di goga kwa pele mo temong

29 Aug 2024

Kgaolo ya Moshupa e gatetse pele mo lenaneong la go thusa balemi ba merogo.

Fa a bula semmuso phuthego ya khansele bosheng, modulasetilo wa Khansele ya Moshupa Rre Sonny Phiri o tlhalositse fa go ne go tsentswe dikopo di le masome a mane le bone tsa balemi ba merogo, mme a supa fa tse di masome a mane di atlegile fa ba le bane ba santse ba sekwasekwa.

O supile gore lenaneo le ne le thusa balemi ka tsa nosetso, go epa didiba, go ba gokelela motlakase wa marang a letsatsi le go ba direla fa ba robelang teng, a tlatsa ka gore le tlhamile mebereko e le masome a matlhano le boraro.

O ne a tlhalosa fa temo-thuo e le mhama o o nang le bokgoni jwa go tsholetsa itsholelo ya lefatshe ka jalo a gwetlha makhanselara go bapatsa mananeo a puso mo Batswaneng gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone.

A re fa Batswana ba ka atla mananeo a puso ba ka nna le seabe se se tona mo tlhabololong ya itsholelo ya lefatshe ga mmogo le go tlhama mebereko.

O ne a tswelela ka go rotloetsa balemi go inaakanya le mananeo a a sa tswang go ribololwa a Temo-Letlotlo, Thuo Letlotlo le Chema Chema.

Rre Phiri o rurufaditse fa balemi ba le masome a marataro le borobabobedi (68) ba ne ba tsentse kopo ya diterekere mme ga atlega ba le masome a marataro le bosupa a bolela fa o mongwefela a santse a le mo ditshekatshekong.

Mo go tse dingwe modulasetilo o akgotse boeteledipele jwa kgaolo  ka seabe sa bone mo ditirong le dithulaganyo tse di dirwang mo kgaolong di tshwana ditshupo tsa kgaolo, Hika la Ngwanyana le ya go ipelela ngwaga  go fetola maikutlo le dikakanyo tsa batho (Mindset Change anniversary).

O ne a supa fa ditiro tse di le botlhokwa fela thata ka di tlotlomatsa seriti sa kgaolo e bile  di tlhama le mebereko ka jalo di thusa go tsholetsa itsholelo ya lefatshe. ENDS

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : MOSHUPA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 29 Aug 2024