Khansele e diragatsa maitlamo
29 Aug 2024
Khansele ya toropo ya Jwaneng e dirile ditiro tsa ditlhabolo di le mmalwa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, seo e le tsela ya go tokafatsa selebego sa toropo le go tlhabolola matshelo a banni.
Mmatoropo wa Jwaneng, Mme Olga Ditsie o boleletse phuthego ya khansele ka Labobedi fa dingwe tse khansele e di kgonneng di akaretsa go agwa ga marekisetso a bagwebi ba babotlana ga mmogo le matlo a batlhoki kwa Lefhoko, Khakhea le Seherelela.
Mme Ditsie a re ba kgonne gape go aga matlo a borutelo kwa sekoleng sa Dinonyane le sa Kgosimpe, fa kwa go sa Morama go agilwe ntlo ya boapeelo.
A re ditlhabololo tse di botlhokwa ka jaana di thusa gape go baya Jwaneng mo maemong a mantle a go ka golela pele.
Go sale foo, o boletse fa khansele e kgonne gape go dira dipaakanyo ka go farologana mo dikoleng. Dingwe tsa ditiro tseo di akaretsa go baakanya tsa motlakase, marulelo a dikago, tsa kgopho metsi a a leswe le gone go emisetsa tse di senyegileng jaaka dipitsa kwa dikoleng.
Mme Ditsie o boleletse makhanselara gape fa mo mading a ditiro tsa tsatsi le letsatsi tsa ngwaga ono, khansele e ne ya baakanya matlo a bonno a babereki, a supa fa mo maitekong a go fefosa se, ba ne ba thapa batho ba ba ikemetseng go dira ditiro tse di faphegileng tsa paakanyo dikago.
A re mo godimo ga go baakanngwa ga matlo, go baakantswe gape le dikokelwana, a tlhalosa fa tiro eo e setse fela ka go wediwa ga dipaakanyo kwa kokelwaneng ya Ditsweletse, e e leng yone fela e e santseng e saletse kwa morago mme a supa fa e tlaa wediwa pele ga ngwaga ono wa madi o ya fifing.
Tebang le ditiro tse di tsweletseng, Mme Ditsie a re go tsenya metsi le kgopho ya a a leswe kwa ntlong ya boapeelo ya sekole sa Kgalagadi e ne ya kgorelediwa ke go phuaganya tiro ga ga rakonteraka yo a neng a filwe tiro eo.
A re go tsibogela seemo, khansele e ne ya swetsa go tsweledisa tiro ka badiri ba yone mme a bolela fa tiro eo e tlaa bo e wetse fa kgwedi eno e ya bokhutlong.
Mo go tse dingwe mmatoropo a re mo maitekong a go tlhomamisa gore banni ba nna le bonno jo bo siameng, khansele ya Jwaneng e tsweletse ka mananeo a matlo a Turnkey le la Home Improvement.
A re go tloga ka 2019 khansele e agile matlo a Turnkey a le masome mabedi le boferabongwe le go tokafatsa a mangwe a le lesome le bobedi ka lenaneo la Home Improvement.
Mme Ditsie a re mo ngwageng ono wa madi go weditswe matlo a Turnkey a supa fa e le nngwe e santse e tsweletse, a supa fa matlo a a lopile P4 million.
Mo go tse dingwe, mmatoropo a re khansele e mekamekane le go tlhomamisa gore dipone mo toropong ya Jwaneng di a tshuba go itsa seemo sa gore dikarolo dingwe tsa toropo di iphitlhele di apesitswe ke lefifi.
A re go tokafatsa seemo, bosheng khansele e ne ya reka le go tlhoma dipone tse dikgolo tsa mo mekgwatheng.
A re sengwe se se bakang lefifi mo toropong ke go bo dipone tsa mo mekgwatheng di onetse di tlhoka go emisediwa mme a bolela fa tiro eo e akareditswe mo lenaneong la ditlhabololo tsa toropo la botlhano.
Mme Ditsie o ne a itsese makhanselara fa ditiro tsa ditlhabololo tsa toropo tse di lopileng P75 million di tlhamile mebereko e le 620.
A re madi a ditiro tse a ne a tswa kwa pusong otlhe, seo e le sesupo sa ka fa khansele e tshwanetseng ya ema ka dinao ka teng go latedisa methale e mengwe ya go duelela ditiro go akaretsa go di dira ka tshwaragano le mhama o o ikemetseng.
Fa a mo kgwa kgaba, mokhanselara wa kgaolwana ya Raphalane Rre Lebogang Peloyamotho o ne a lebogela ditiro tsa ditlhabololo tse di dirilweng, mme a boa a gwetlha ba ba okamelang ditiro tsa go nna jalo go eteletsa pele dikeletso tsa setshaba le tsa lefatshe la gagabo.
A re gantsi go dirwa sogwasogwane mo ditirong tsa setshaba, mme seo se bakwa ke go tlhoka go eteletsa pele dikeletso tsa botlhe ke baokamedi le balebeledi ba ditiro.
Rre Peloyamotho o ne a lebogela moepo wa Jwaneng go rulaganya metshameko ya kgwele ya dinao ya GM’s Soccer Fiesta bosheng, a re e file banni ba Jwaneng sebaka sa go itumela mmogo, segolo jang ka toropo eo e sena ditiro tsa itloso bodutu.
A re metshameko eo gape e thusitse bagwebi ba babotlana go bona letseno le le botoka ka e ne e ngokile dipalo tse di bonalang tsa batho.
Mokhanselara Keagile Morwamang wa kgaolwana ya Molopo ene o ne a lebogela seemo sa bophepa sa toropo ya Jwaneng, a re go a itumedisa go bona toropo e lebega morago ga go tsaya nako e telele e retelelwa ke go tsamaisa lenaneo la go tsewa ga matlakala sentle. Rre Morwamang o ne a tloga a ngongorega ka ntlo e e kileng ya bo e dirisiwa e le lekgotla la Setswana la kgaolwana ya Raphalane, a bolela fa ntlo eo e na le dingwaga e le letlotla mme seo se ngokela dilalome go e dirisetsa ditiro tsa borukutlhi.
Go tswa kwa kgaolwaneng ya Masaasele, Mokhanselara Mokganedi Morwaagae o ne a batla go itse gore dikgoropa tsa dikoloi tse di neng tsa jewa ke molelo ka mabelo a dikoloi a Toyota1 000km Desert Race ngogola di ya go ntshiwa leng ka di senya selebego sa toropo.
Go sale foo, le ene o ne a supa boitumelo ka bophepa jwa toropo ya Jwaneng mme ka fa letlhakoreng le lengwe a ngongoregela lefifi mo toropong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 29 Aug 2024