Masisi o simolodisa kago ya matlo
28 Aug 2024
Motlotlegi Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi o simolodisitse semmuso kago ya matlo a le masome a Botswana Housing Corporation (BHC) kwa motseng wa Nata ka Labobedi.
Fa a simolodisa tiro eo ka Labobedi, Tautona Masisi o ne a tlhalosa gore ke nngwe ya ditiro tse puso ya gagwe e ne ya di solofetsa Batswana ka 2019 fa ba ipaya pele maitlamo a ditlhopho.
A re o ne a solofetsa Batswana gore o ya go fetola kafa dilo di ntseng di dirwa ka teng mo maphateng a puso mme ka sebaka se, tema e setse e bonala gore maitlamo a gagwe le khuduthamaga ya gagwe ba isa Botswana ko pele mo ditlhabololong.
Tautona a re dikago tsa matlo a, di ya go dirwa ka nako ele nngwe le go dirwa ga tsela tsa A3, ya Francistown-Nata, Nata-Maun gammogo le ya A33, Nata-Ngwasha.
A re go dirwa ga ditiro tse, go ya go tlhama mebereko ya banni ba metse ya Nata/Gweta le Batswana ka kakaretso le go godisa itsholelo ya metse eo.
Tautona Masisi o ne a tswelela ka go tlhalosa gore bontsi jwa nako, dikompone tsa batswakwa ene ele tsone tse di fiwang ditiro tse di tona tsa puso, mme ene o fetotse tsamaiso eo ele nngwe tsela ya go humisa borre le bomme ba dikgwebo mo gae gore le bone ba kgone go akola meamuso ya lefatshe la bone.
Se, a re se tla ba thusa gore le bone ba gole mo dikgwebong tsa bone ba kgone go ya go beeletsa kwa mafatsheng a sele go tlisa madi a mafatshe a sele mono gae. O ne gape a re bontsi jwa nako, dikompone di ne di tsietsa puso ka go lopa madi a mantsi mme morago ba palelwe ke go fetsa ditiro kgotsa ba dira ditiro tsa boleng jo bo ko tlase.
A re go fetola dingwe tsa di tsamaiso le go tlhapa batlhokomedi ba ditiro (Development Managers) gore e nne bone ba tsamaisang ditiro tsa puso jaaka gone go dira ditsela, go tlaa thusa puso go fefosa ditirelo le gore borra di kompone tse dithapilweng ba tseye boikarabelo jwa ditiro tse ba di dueletsweng. Tautona o ne a tswelela ka go kgothatsa ba ba yang go thapiwa go bereka ka tlhwaafalo, a re seo se tla dira gore ditiro tse di kgone go fela mo sebakeng se se beilweng.
Gape Tautona a re ka tsamaiso ya batlhokomedi ba ditiro, ba ba thapiwang ba ya go rotontshiwa pele ga ba ka simolola tiro mme a ba rotloetsa go dira ka natla gore le fa tiro ya kago e fedile ba kgone go ya go batla mmereko go sele.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kopone ya BHC Rre Nkaelang Matenge o ne a tlhalosa gore ba abetse dikompone tsa bomme di le nne go aga matlo a ntlha a le lesome le bone (14), e le matlo a mabedi a borobalo (2 bedrooms) a a yang go dirwa ka madi a kanang ka P8.4 million.
O ne a tswelela ka gore mo go bomme ba bane ba ba filweng tiro ee ya kago, mongwe wa bone ke wa motse wa Nata fa ba bangwe ele ba kgaolo ya Tutume.
A re ba solofetse gore matlo a, a ye go fela ka Sedimonthole mono ngwaga. Rre Matenge o ne a tlhalosa gape gore matlo a mangwe a a lesome le borataro a ya go dirwa e le matlhatlaganyane a one ba solofetseng gore a ye go fela pele ga ngwaga wa madi wa 2024/2025 o fela mme le one a tla a abelwa dikompone tsa Batswana.
Rre Matenge a re go tlhamaa ditiro ke go sala morago thotoetso ya ga Tautona Dr Masisi ya go fetola kafa go ntse go dirwa dilo ka teng le go tsenya bomme bo ditirong tse go neng go itsiwe di dirwa ke borre fela bontsi jwa nako.
O ne gape are mo mafelong a ba neng ba ntse ba dira dikago mo go one, ba ntse ba tla ba aga diofisi tsa ditirelo tsa bone mme mo nakong eno ba fetogile ba firisitse ntlo ya moagasanyi gore ba nne le seabe sa go godisa itsholelo mo bathong ba motse. A re gape ba ya go reka mo motseng wa Nata, go simolola ka ditena, motlhaba le sone semente tota baya go se reka kwa madirelong a a mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : NATA
Event : POTSOLOTSO
Date : 28 Aug 2024