Ba Khudumelapye ba isa ditebogo
27 Aug 2024
Balemi ba Khudumelapye ba akgoletswe maitlamo a bone a go lebogela Modimo thobo le mo nakong e ba sa robang sepe mo masimong.
Go dira se go supa go tshepha Modimo mo ditirong ta bone le gone go lebogela mpho ya botshelo.
Kgosi Tuelo Ramokobetwane wa Khudumelapye o buile se kwa moletlong wa go isa ditebogo kwa kgotleng ya Khudumelapye ka Matlhatso.
Kgosi Ramokobetwane o tlhalositse fa go dikile go sena pula mme balemi ka bontsi ba dule ba iphotlhere kwa masimo. A re ka bangwe ba ne ba bonye sengwe sa thobo, ba bone go le maleba go lebogela se ba se bonyeng.
Fa a lekodisa maikaelelo a letsatsi, molemi Mme Motlalepula Lekgetho o supile fa ba simolotse go dira moletlo wa ditebogo ka ngwaga wa 2007, morago ga go itemogela maduo a mantle kwa ditshupong tsa Letlhakeng.
O tlhalositse fa balemi ba Khudumelapye ba dira bontle thata mo ba kgonang go nna bommampudi kwa ditshupong tse ditona tsa Gaborone.
Mme Lekgetho o supile fa maikaelelo a mangwe e le go leboga Modimo ngwaga le ngwaga, thobo e le teng kgotsa e seyo, go rutana le go rotloetsana mo temong, a re keletso ke go gatela pele go tswa fa ba leng teng. Molemi yo, o ne a supa fa maikaeleo a mangwe e le go oketsa temo le thobo, a supa fa temo e le mosola ka jaana e ba direla madi a mantsi go itshetsa.
O ne a supa fa ba ikaelela go tumisa motse wa Khudumelapye ka temo e e nonofileng le go jesa lefatshe leno. Moruti Kopano Tsietso a kgothatsa balemi go nna pelotelele, le ntswa go na le dikgwetlho. A re ka mautlwelobotlhoko a Modimo ba tlaa atlega.
Molemisi wa Letlhakeng Mme Letty Marope yo e neng e le sebui sa tlotla, o ne a supa fa thobo e e tlhokomelesegang sentle e itshupa le kwa ditshupong mo gareng ga tse dingwe.
Mme Marope o ne a re o tshwenngwa ke palo potlana ya borre mo moletlong wa ditebogo.
O ne a kopa gore ngwaga o o tlang bana ba sekole ba nne teng kwa moletlong wa ditebogo, a supa fa thuto e e rutiwang koo e le e e tshwaregang, fa kwa sekoleng ba rutiwa go sena ditswa-temong.
Molemisi o ne a tlhalosa gore fa bana ba sekole ba ka nna teng kwa tirong eo, e kare ba rutiwa ga nna motllhofo ka jaana ba bonye ka matlho.
Mme Marope o tlhalositse fa temo e na le botlhokwa thata ka e jesa batho gongwe le gongwe mo lefatsheng, e bile e kgona go rekisiwa godira dipoelo.
O supile fa goromente a thusa ka mananeo a temo a a farologanyeng, a supa lenaneo le le emisitsweng la ISPAAD le emiseditswe ka lenaneo la Temo Letlotlo. Mme Marope a re tsholofelo ya puso ke gore Batswana ba tseye mananeo a, go ithusa. Molemisi a supa fa go tswala melelwane ke puso, e le tsela ya gore Batswana ba itirele dijo, ka jalo a kopa balemi go tsaya mananeo a ka tlhwaafalo.
A tlhalosa fa mananeo a go teratela masimo le a diterekere a le teng go a dirisa. Molemisi o ne a supa fa go tsaya lenaneo la terata go le botlhokwa thata ka jaana fa molemi a ageletse masimo, o kgona go lema ka tshosologo a sa tshoge gore dilo di tlaa mo senyetsa dijwalo.
O ne a supa gape fa botshelo bo nnela thata go ya kwa pele, mme go le botlhokwa gore fa motho a tsere mananeo a, a a dirise sentle.
O ne a tlhalosa fa bolwetse jwa COVID 19 bo ba bontshitse gore lefatshe la Botswana le ikaegile thata ka mafatshe a mangwe ka jalo a kopa Batswana go lema go tlogela go reka fela.
O ba tlhaloseditse fa gape ba ka ikopela mananeo a go gokela didiba kwa masimo gore fa go sena dipula ba nosetse temo ya bone.
Mme Marope o ne a supa fa mo bekeng e e fetileng kwa Gaborone, disupiwa tsa balemi ba Khudumelapye di ikgapetse maemo a ntlha mo temong ya manoko, le maemo a boraro mo temong ya mabele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Khudumelapye
Event : Ditebogo
Date : 27 Aug 2024