Breaking News

Moepo o etleetsa banana

26 Aug 2024

Banana ba ba mo dikgwebong ka go farologana kwa Kanye ba tlaa akola dithuso tsa madi go tswa kwa moepong wa teemane wa Jwaneng go tloga kgwedi eno.

Moepo o seegetse kwa thoko P5 million go dirisiwa go thusa dikgwebo tsa banana mo ngwageng tse tlhano tse di tlang.

Modiri wa moepo, Rre Bakang Dipogiso o buile se kwa phuthegong kwa kgotleng-kgolo ya Kanye ka Labotlhano, a re go tloga monongwaga, moepo o tlaa dirisa P1 million ngwaga le ngwaga, a supa fa madi ao a a sa busiweng a tlaa akolwa ke bagwebi ba dingwaga tse 18 go ema ka 35.

A re monongwaga baikopedi ba tlaa lopiwa sesupo sa gore kgwebo e e kopelwang madi ke e e ntseng e le teng e bile e kwadisitswe ka fa tshwanelong, a tlhalosa fa se, se dirwa ke go bo ngwaga o no moepo o itebagantse fela le dikgwebo tse di tshelang ka ba ribolotse lenaneo ngwaga o setse o fela ka dikgwedi di se kae gore o fele.

A re ngwaga o o tlang, go tlaa thusiwa le dikgwebo tse disha.

Rre Dipogiso a re ka go tlhophilwe Kanye fela, go tlaa thusiwa fela dikgwebo tse di direlang kwa motseng oo.

O boletse fa moikopedi a tshwanetse a bo a ikaegile fela ka kgwebo e a e kopelang madi, a sa bereke gope.

Rre Dipogiso a re mo godimo ga go thusa banana, lenaneo leo le tlaa thusa gape bomme go sa kgathalesege gore ba dingwaga di kae, gammogo le dikgwebo tse di tsamaisiwang ke ditlhopha.

A re ba-na-le bogole le bone ba na le tshiamelo ya go thusiwa, a re motho wa rre e ne o ka akola lenaneo leo fela fa a tshwaraganetse kgwebo le monana, mme kana mo-na-le bogole.

Rre Dipogiso o tlhalositse gape fa batho ba ba setseng ba kile ba thusiwa ka mananeo a mangwe a tokafatso matshelo, ba letlelesega go ikopela dithuso.

E ntse e le go tswa kwa moepong wa Jwaneng, Mme Patience Segokgo o kaile fa baikopedi ba letlelelwa go kopela dikgwebo tsa bone go simolola ka P20 000 go ema ka P100 000.

Fa ba akgela, ba tsena phuthego ba ne ba ama dintlha tse di farologaneng, bangwe ba batla go itse gore a dikgwebo tse di sa kwadisiwang le tsone di ka kopelwa madi kana nnyaa.

Rre Koolopile Itheetseng o ne a batla go itse gore baikopedi ba ya go thusiwa mo nakong e e kafe mme karabo ya supa fa seo se tlaa laolwa ke ditshekatsheko tse di tlhokang go dirwa gore di wediwa mo nakong e e kae.

Rre Onyafetse Nkhabara  o ne a botsa ka mabaka a a dirileng gore thulaganyo eo e seka ya akaretsa metse e e mo tikologong ya Kanye, mme ga tlhalosiwa fa melawana ya moepo ya lenaneo la go thusa mafelo a a mo tikologong ya fa o direlang teng, e le yone e ba gogetseng kwa tshwetsong ya go itebaganya le motse o le mongwe e leng wa Kanye.

Banana bangwe ba ne ba kopa gore ikopelo e kgone go dirwa ka maranyane, ba supa fa go ema mo meleng lebaka go ba kgoba marapo ka jalo, go dira gore ba nne maoto a tshupa go inaakanya le mananeo.

Banana le botlhe ba ba amegang ba tlhaloseditswe fa dipampiri tsa ikopelo dithuso tsa madi di ka tsewa kwa kgotleng kgolo ya Kanye le kwa diofising tsa banana, mme e re morago ga go tladiwa di tlaa isiwa kwa diofising tsa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao gone kwa Kanye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : Kanye

Event : Bokopano

Date : 26 Aug 2024